Breaking News

E are go tlogelwa tsatsing se ikise moriting

15 Feb 2022

 

Puo e e reng metlhale ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi e lebagane Rre Fankie Kokoro poo!

 

Ebile ekare o ka nna polelo e e ka dirisiwang go rotloetsa ba ba akanyang go ineela mo botshelong.

 

Rre Kokoro wa dingwaga tse Masome a mane le boferabobedi (48) Rre yo, yo o tlholegang kwa kgotleng ya Sekgwaneng kwa Serowe o itiretse leina ka go nontsha dikgomo go nna mo seemong pele ga di rekisiwa kwa matlhabelong.

 

Jaaka bontsi, Rre Fankie wa Fankie Kokoro’s Feedlot, e e fitlhelwang kwa motseng wa Paje, o kile a tshwara fale le fale pele a  simolola kgwebo e, e a tseneng mo go yone ka ngwaga wa 2015, morago ga go tlogela tiro kwa Supreme Furniture.  

 

Mo go akanyeng se a ka se dirang, kgomo e motswana a e bitsang modimo o o nko e metsi, ya nna selo se se tlang pele,  ka go itemogela fa e le yone kgwebo e e gaufi le pelo ya gagwe.

 

Ka jalo a rekisa ditshimo tse pedi a kopanya le mo a neng a go kokoantse fa a santse a bereka. A nna a reka a ba a nontsha dikgomo selo se a ne a lemoga se na le dipoelo, a bona gore o ka atolosa kgwebo.

 

Morwa Masego le mme Omphile Ramashomoko, ga a ise a re kamoso, a simolola ka go batla lefelo.

 

A atlega a reka tshimo go bapa le motse wa Paje, a e teratela, a aga masaka mo teng le megotlha, kgwebo e a reng o e simolotse ka didikadike tse pedi P2million. Madi a, akaretsa go epa sediba, go gokelela motlakase le dikago tsa boroko. Ka kgwebo e, e tlhoka se se pegang, o ne a dirisa botlha bongwe go reka koloi ya mogobagoba go tlhogofatsa tiro ya gagwe. 

 

Fa a simolola kgwebo ya go reka dikgomo abo a di nontsha abo a di rekisetsa matlhabelo le marekisetso a bo Choppies le Spar le barui ka bongwe ka bongwe.

 

O ne a dira jalo a reka dikgomo ka makatanamane, golo gongwe ka ntata ya dikgwetlho mo kgwebong a ema pele a ya go bereka gape ko Furniture Mart ko a berekileng dikgwedi tse nne fela mme a boela kgwebo.

 

A bolela fa ko kgwebong eo a ne a nonofa ka a ne a patagane le borre bangwe ba le babedi mme morago a kgaogana le bone, a itsamaisetsa feedlot ya gagwe ee neng ya dira bontle thata go fitlhelela gompieno.

 

A re o ikaelela go atlolosa kgwebo ya gagwe a tsenya tsa bojanala, a re o saletswe ke teseletso fela ka gore o tsenya fa baeti ba  ka kampang teng.

 

Keletso ya gagwe ke go nna le fa dilo tsa ngwao di tlaa bonelwang teng jaaka matlo a Setswana, dikoloi tsa kgothokgotho, dilei le go ruta ka go golega dikgomo jaaka gone go dirwa bogologolo.

 

Kgwebo ya gagwe e dira sentle mo ebileng a thusang batlhoki ba motse wa Paje ka go ba rekela dijo le go ba tlhabela kgomo ka letsatsi la botsalo jwa morena.

 

A re kgwebo ya gagwe e mo thusitse thata le mororo a sa iteiwa seatla ka gore o kgonne go tsenya bana ba gagwe dikole, a aga motse oo manobonobo le go reka dikoloi.

 

Rre Kokoro o herile bababereki ba le lesome le bone  mme a batla go ba oketsa.

 

O reka dikgomo dile 250 mo bekeng, selo se a reng se mo file mogopolo wa gore jaanong o tlhoka go nna le matlhabelo a gagwe.

 

O boletse fa mongwe le mongwe yo o batlang go itsi gore o kgonne jang mo kgwebong a ka tla go kopa thuto ya mahala, ka e se botlhe b aba tlaa tshelang ka dithutego.

 

A re mo bonaneng ja gagwe o ne a tshaba sekole a rata go nna kwa morakeng wa Makwa ka dikgomo di ne di le gaufi le pelo ya gagwe. O boletse fa a dirile dithuto tsa gagwe tse di potana kwa sekoleng sa Riverside kwa a neng a pasa lekwalo la bosupa sentle mme amogelwa kwa go se sogolwane sa Semane, kwa a neng a seka a fetsa.

 

O ne a kgaogana le sone a dira mophato wa ntlha wa sekole se se segolwane, a tshabela kwa morakeng ko batsadi ba gagwe ba neng ba nna teng.

 

Rre Kokoro a re ka modimo o saje nkabo a rakana le mogolwane wa Supreme furniture, yo e neng ele moithuti wa go kgweetsa, a mo solofetsa tiro kwa Supreme mme ka nnete a hirwa teng ele mokgweetsi wa dithoto.

 

A re o ne a bereka ka botswerere mo bagolwane ba gagwe ba neng ba mo thatosa maemo kgapetsa kgapetsa, a nna yoo phuthang dikoloto, a tloga a nna mogolwane.

 

O bereketse kwa Serowe, Lobatse, Jwaneng, Mogoditshane, Molepolole le Broahurst ko a neng a laola le mororo a sena ditlankana tsa dikole, a thusiwa fela ke gore o ne a le tlhaga thata ebile a le boikobo mo tirong ya gagwe.

 

O boletse fa ka ngwaga wa 2006, a ne a nna mmampodi yo o gaisitseng bagolwane botlhe ba di Supreme mo Botswana mo a neng a lebogiwa ka mosepele wa go ya Livingstone ko Zambia kwa a ileng a kopana le bagolwane ba bangwe ba di Supreme tsa mafatshe a mangwe ba le mo itosong bodutu.

 

Go boeng koo a fetola lewa morago ga go berekela Supreme dingwaga di le lesome le boferabobedi.

 

A re fa motho a na le maikaelelo ga gona sepe se se thata. Bokhutlo BOKHUTLO     

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : PAJE

Event : feature

Date : 15 Feb 2022