Breaking News

A Moretlwa o lele

14 Feb 2022

Banni ba motse wa lentsweletau le metse e e mabapi e e akaretsang Kopong, Kgope, Medie, Mahetlwe, Dikgatlhong, Ditshukudu, Ramankhung le Hatsalatladi ba boleletse lekoko le le rumilweng ke Tautona go tsaya megopolo mo sechabeng  mabapi le tshekatsheko Molao Motheo gore ba batla go bona moretlwa o lela gore bana ba tsene mo tseleng.

Banni ba buile jalo maabane fa lekoko le ne le ba etetse kwa motseng wa Lentsweletau.

Erile fa a amogela lekoko leo Kgosi Morulaganyi Makgasane a lebogela puso le Tautona go bona go tshwanela go seka seka molao motheo o Batswana ba sa bolong go lelela gore o baakanngwe.

Are thulaganyo e e dirilweng e molemo ka gore e dirilwe ka morero.

" Ke na le tumelo ya gore fa molao motheo wa ntlha o dirwa o ne o dirwa ke batho ba ba palo potlana e bile o dirwa go sena therisano."

O  tlhalositse fa a na tsholofelo le tumelo ya gore molao motheo o tshwanetse wa kwalwa ka setswana ka e le mmangmang wa melao yotlhe, gore motswana mongwe le mongwe a tle a o ipalele a bo a o tlhaloganye. Ka jalo o kopile gore go nne mo molao motheong gore le melawana yotlhe e kwalwe ka setswana.

"Mme ebile gape melao yone e e tla e thulathulana le ngwao ya setswana le setho sa rona, " a tlhalosa jalo, mme a gatelela gore mo ngwaong ya Setswana fa ngwana a raya mogolo are, " o maaka," ke molato o a ka o sekelang mme fa go tsena mo puong ya sekgoa gatwe " a lie is not an insult."  Kgosi a bua jalo a go gatelela ntlha ya gagwe gore fa go seka sekwa molao go tshwanetswe ga elwa tlhoko gore ga o thulathulane le ngwao ya Setswana.

Kgosi Makgasane o gakolotse gape gore go baakanngwe tsetlana e e kganelang go sekisiwa ga Tautona fa a santse a le mo setilong, go sa kgathalesege gore o dirile molato o o masisi go le kae.

" Ha a sa seke le lefatshe o ka nna a le rekisa," a bolela jalo.

Kgosi are go ka lebelelwa melato e Tautona a ka e sekisediwang go lebilwe bokete ja yone.

“Gape ga gona lefatshe le le ka itumelelang gore tautona wa lone a bo a nna a le mo ditshekong,” a rialo, a tlhalosa gore ke sone se go tshwanetseng ga lejwa bokete ja melato e a ka e sekisediwang.

Banni le bone ba ne ba nna le sebaka sa go  ntsha megopolo ya bone.

Rre Lobi Makgasane go tswa Lentsweletau, o ne a boleletsa mafoko a a ntseng a buiwa ke bontsi ja batho mo metseng e lekoko le setseng le tsere megopolo mo go yone, a re katlholelo leso e tswelele fela  le fa mafatshe mangwe a magolo a batla lefatshe leno le e emisa.

O supile gape fa a le kgatlhanong le ba ba reng Tautona a itlhophelwe. A re go dira jalo go kotsi ka jaana fa go ka diragala gore Tautona a bo a tswa mo phathing e  e nang le palo-potlana ya mapalamente, Tautona o ka ka nna a gana go baya sekano sa gagwe fa mapalante ao a batla go dirwa molao mongwe. A re se, se ka dia ditlhabololo.

Rre Makgasane molao motheo o tshwanetse wa letlelela mapalamente le makhanselara go tshwara maemo a bone dingwaga tse di lesome fela jaaka go dirwa ka tautona. A re o buisiwa se ke gore bangwe ea re go dira ka lobaka thata ba adime tshwene marapo.

Rre Mothibi Keanyaditse go tswa Kgope, are magosi a letlelelwe ke molao go nna le seabe sa go aba lefatshe ba bereka mmogo le lekgotla la Kabo Ditsha go itsa kgotlhakgotlhano.

O bile gape a kopa gore thupa ya mokwatla e boele ka are e ka fedisa botlhoka tsebe ebile gape ya tsenya bana mo tseleng.

Fa a kgela mo tsamaisong ya puso o kopile gore molao motheo o baakanngwe gore maemo a Mothusa Tautona le bo-tona, wa tsa mafatshe a sele le wa madi le tlhabololo itsholelo ba se ka ba nna le dikgaolo tsa botlhophi ka gore tiro e ba e dirang entsi mme se se baya dikgaolo tsa bone di nne ka fa mosing.

Mme Mmaserame Seleka ene o gateletse botlhokwa jwa gore go seka sekwe molao wa gore motho o ka letela tsheko a le kwa ntle. Are fa go na le masupi otlhe a batho ba go nna jaana ba otlhaiwe. A re fa motho a dirile molato o setlhogo o tshwana wa polao, mme e bile go na le bosupi jo bo tletseng gore o dirile molato oo, a a otlhaiwe ka bofefo. A re bangwe ba babolai, ba letlelelwa go emela tsheko kwa ntle mme e re morago go lebega ba sa tlhole ba seka, mme ba boe ba dire melato e mengwe ya polao gape.

Rre Ntsima Ntsima le ene a tswa Kgope a re lekgotla le le tsamaisang ditlhopho le ntshiwe ka fa tlase ga Ofisi ya ga Tautona. A re lekgotla le le dira tiro e e masisi, mme gore Tautona a bo a le okametse ga go jese di welang ka jaana a ka le dirisa ka tshokamo, mme seo sa tlisa tlhakatlhakano.

 

O tsweletse a gakolola lekoko gore bobega dikgang jwa puso le jone bo ntshiwe ka fa tlase ga Ofisi ya ga Tautona bo ikemele ka nosi, go re bo tle bo bege ka tshosologo.

 

A re go tshwanetse ga baakanngwa molao gore mongwe le mongwe yo o etelelang lefatshe pele a supe gore o na le eng, go itsa tshenyetso setŝhaba a tlatsa ka gore fa tautona a dirile molato a sekisiwe.

Kgosi Mokgweetsi Kgama go tswa Medie le ene o tladitse ba ba reng “moretlwa o lele" go tlisa kutlo.

Rre Topo Otumile le ene e le monni wa Medie o kopile gore go dirwe paakanyo mo molaong wa tsamaiso ditlhopho. A re ditalama tsa mapalamente fela jaaka tsa makhansekara di balelewe kwa matlhophelong.

Rre Kelekamang Keobatlile o ngongoregetse gore ga go a dirwa mo go lekaneng gore metse e tshwana le Mahetlwe le yone e nne le seabe mo go aroganeng megopolo le lekoko mo tshekatshekong Molao Motheo. A re ga e kake yare bo tautona ba lefatshe le ba kgona go ya Mahetlwe, lekoko la ga Tautona lone le be le sa kgone go ya kwa motseng oo

 

Rre Keobatlile a re ene o batla go molao o naya dikgosi dithata ka jaana bana ba dule mo tseleng.

O ne gape a iteela kobo moroko mogopolo wa gore moretlwa o lele.

" Se ntshware lebogo ga ke betsa motho. A ke seka ka kobiwa jaaka Mokgatla,"  A bua jaana, a fa sekai ka go sekisiwa ga ga Kgosi Kgafela morago ga a sena go otlhaya batho bangwe. A re ene ga a itse fa thupa e bolaya, o itse e le molemo.

Mothusa Modulasetilo wa lekoko le le tlhomilweng ke Tautona rre Johnson Motshwarakgole o ne a leboga banni go bo ba tshologetse mokgosi.  A re go bo Batswana ba filwe sebaka sa go itirela molao motheo  go a nametsa ka go supa mowa wa therisano. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Lentsweletau

Event : Commission Review

Date : 14 Feb 2022