Tshimoyapula lefelo la metsi
14 Feb 2022
Go le gantsi batho ba ipotsa gore motse fa o bidiwa ka leina, go a bo go tsile jang.
Mo dinakong tse dingwe tlhaloso ya leina la motse e kgona go utlwala gore e ka tswa e raya eng fa mo mo gongwe e sa itlhalose gotlhelele. Motho o ka ipotsa gore leina la motse wa Tshimoyapula go ne go tewa eng.
Lebutswapele kwa motseng oo, Rre Obed Lesole yo o dingwaga di masome a ferabongwe le metso e ferabongwe a re leina Tshimoyapula le raya pane O tlhalositse fa leina le, le raya metsi a a emeng mme a se boteng, a kgona go kgala e re morago ga sebakanyana fa pula e na a bo a ema gape.
Rre Lesole o tlhalositse fa gotwe rre mongwe yo go sa itseweng gore ke mang, a ne a feta gone kwa Tshimoyapula a leng teng.
A re ka nako eo, lefelo la Tshimoyapula e ne e santse e le meraka, go ise go nne le leina.
Yare rre yoo a ntse a tsamaya mo sekgweng, a bona metsi a eme mme a a nwa. A re letsatsi le le latelang rre yoo a gakgamala gape go bona metsi a ntse a le teng mme a a nwa gape ka a ne a tshwerwe ke lenyora. A re ke fa rre yoo a feletsa a re “golo fa fela ke tshimoyapula.” Ke fa lefelo le tlaa bidiwa Tshimoyapula. Rre Lesole o supa fa rre yoo leina la gagwe le sa itsiwe ebile go sa itsewe le gore o ne a tswa kae a ya kae.
Rre Moanatsela Gareanna wa dingwaga tse di masome a supa le botlhano, o rurifaditse fa lefelo le le neng le ema metsi le le gautshwane le tshimo ya gagwe e a neng a e fiwa ke batsadi.
A re pula e ne e na thata mo lefelong leo ebile le tlwaelesegile ka go ema metsi mme erile fa go ntse go tsamaya, ga fetoga ya nna molapo.
A re mo nakong eno, lefelo leo ke molapo fela o o bulegileng ebile le dikoloi ga di kgone go feta teng fa pula e na.
Le fa go ntse jalo, Rre Lesole o supile fa ditso tsa Tshimoyapula di supa fa e ne yare morago ga dintwa tsa Matebele di sena go fela mmaagwe Kgosi Tshekedi Khama wa boraro a nyelela mme a utswilwe ke Matebele.
A re yare a ntse a nyeletse jalo, mongwe wa badisa ba dikgomo tsa kgosing yo o neng a bitswa Khumo a tla a tsibosa Kgosi Khama wa boraro gore Matebele ba fitlhile mohumagadi kae mme ka ponyo ya leitlho mohumagadi a kgona go tsewa kwa a leng teng a goroga.
A re morago ga moo, Khumo a neelwa lefelo le motse wa Tshimoyapula o leng teng gore a le tlhokomele mme lefatshe leo go ya go fitlha kwa Fole, ke lefatshe la basimane boora Khumo mme ba ne ba le tlhokometse.
A re Tshimoyapula o ne a simolola morago ga dikgotlhang tsa bogosi tse di neng tsa nna teng fa Kgosi Tshekedi Khama a sena go bewa mo setilong ka 1926 a tshwarelela Kgosi Seretse Khama ka a ne a santse a le monnye. A re dikgotlhang tseo di ne di le magareng ga boora Tshosa ka ba ne ba batla bogosi mme ba felela ba leka go bolaya Kgotsi Tshekedi.
Rre Lesole a re tiragalo eo, e ne ya seka ya tsaya Kgosi Khama sentle mme ya re ka bo 1930 a tsaya ntsalae yo e neng e le mojaboswa kwa kgotleng ya Tshosa, borangwaneagwe le bangwe ba ga Mmangwato, ba fudugela kwa lefelong lengwe le bidiwa Shashane gaufi le Tshimoyapula. A re Kgosi Tshekedi o ne a tsaya ntsalae mabaka e le gore o ne a na le dikakanyo tsa gore fa a ka mo tlogela boora Tshosa ba tlaa sala ba mo sotla.
A re lefelo la Shashane e ne e le meraka ya kgosing mme fa ba goroga, ba ne ba tlhokomelwa ke modisa wa dikgomo tsa kgosing a bidiwa Modimootsile ka tse ba neng ba di tlhoka. Rre Lesole o supile fa nkukuagwe e ne e le mongwe wa baruti ba batona ba ga Kgosi Khama mme ya nna ene wa bofelo go ya go tsewa go tla go tshwara dithapelo le go gomotsa ba ba neng ba le foo.
A re ba ntse kwa Shashane dingwaga di le lesome mme yare ka bo 1940 ba tswa kwa Shashane ba ya go thibelela kwa lefelong lengwe le bitswa Marukuru gautshwane le Tshimoyapula.
E ne yare ka 1952 ba fudugela kwa Tshimoyapula. A re ba ne ba thibelela kwa Tshimoyapula mabaka e le gore ba latela masimo a bone ka a ne a ntse a le gone koo. A re Tshimoyapula e ne e le motse se moraka fa Shashane e ne e ne e le moraka wa dikgomo tsa kgosing. O supile fa Kgosi Tshekedi a ne a epela morafe wa Tshimoyapula sediba, a aga sekole, a aga kgotla le ene a ba a ikagela motse wa gagwe gaufi le kgotla ya Tshimoyapula.
O supile fa dikgotla tsa Tshimoyapula di ferabobedi, di akaretsa ya Basimane, Tshosa, Kgala, Mathwane, Loso, Maila, Mogorosi, Loso le Mathuba mme di reilwe ka maina a badisa ba dikgomo tsa kgosing ebile e le beng ba tsone.
Tshimoyapula o na le ditlhabololo di tshwana le sekole le leobo la kgotla le le agilweng ka 2019. Kgosi Lenkagetse Keipheditse wa Tshimoyapula o supiile fa motse o tlhabologile mme go na le dilo dingwe tse di tshwenyang.
A re ba tshwenngwa ke bogodu jwa leruo, go thubiwa ga matlo le dintwa tse gantsi di bakiwang ke banana kwa mafelong a dino.
A re dikomiti tsa motse jaaka VDC, temo-thuo le ya botsogo di tshwaragane le ene, mokhanselara le badirelapuso ba tshwere ka natla go tsisa ditlamelo kana ditlhabololo tse di tlhokafalang.
O supile fa go na le selelo se setona sa letlhoko la boroko jwa badirelapuso jaaka barutabana le sepodisi.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : TSHIMOYAPULA
Event : Potsolotso
Date : 14 Feb 2022