Dirang dipatliso ka Seboko sa Sengana-Kgosi
14 Feb 2022
Kgosi Johny Engleburg wa McCathy’s Rust ko kgaolong ya Kgalagadi Borwa, o kopile gore go dirwe dipatlisiso ka dingwe tsa ditsatlholego jaaka seboko sa Sengana.
Fa a bua mo potsolotsong le bosheng, Kgosi Engleburg a re sengana se bonwa go simologa ka kgwedi ya Lwetse go fitlha ka Mopitlo, bogolo jang ka dinako tsa dipula tse dinamagadi.
A re ba tswa goo lowe ba bapalela sengana mo ganong, ka jalo a kopa bomaitseanape go dira dipatlisiso go bona dikotla tse di mo go sone, le gore se ka dirwa jang gore se solegele banni mosola.
Kgosi Englebug a re sengana, se se bonwang gongwe le gongwe ko go nang le setlhare sa mongana, se se ntsi thata mo kgaolong ya Kgalagadi, ka jalo, ga se na theko e e kalo kalo. A re ga gona dipoelo dipe tse di kalo mo sebokong seo se se nang le selebego sa phane, mme phane yone ba a e reka ka gore ga eyo mo kgaolong eo, a tlatsa ka gore paka eno se sentsi thata.
Ka jalo a kopa gore puso e rotloetse tiriso ya dibapalwa nageng go fetola matshelo a batho, le go ba ntsha mo khumanegong.
Mme Elisa Jaas wa motse wa McCathy’s Rust, a re fa se apeilwe ke setswerere se bapisitswe le phaleche kana bogobe, ba ja mpa tsi.
“Ijo! Ijo! ka re jaaka fa re tsile nageng jaana, bana ga ba lale ka tlala ke raa!” ga bua Mme Jaas, a bua jalo a tshwere legonyana a ntse a senka-senka seboko seo mo monganeng.
A re monongwaga sengana se se ntsi fela thata, mme ebile ba na le dikgwedi di ka nna nne ba ntse ba se bapala, morago ga moo ba a se gama, ba se tlhatswe, pele ga ba se apaa, ba se gadika ba ba se omisa go se bolokela paka ya fa se ile bokhutlong, gore ba tswelele ba shaba.
Kwa motseng wa Omaweneno, Mme Godiramang Mokoloku ene a re o gola a fitlhela batsadi ba gagwe ba apaa sengana, ba se ja ba bo ba se rekisa. Mme Mokoloku o gakolotse gore seboko seo se tshwanetse sa jewa se budule sentle, a re fa motho a ka se shankudisa, se ka mo tsenya mala, gape se kgona go ntsha motho dintho mo matlhong kana mo mmeleng.
A re bangwe ba atle ba robale ko nageng fa ba batla go se bapala se le sentsi, mme morago bangwe ba a se rekisa.
“Fa ke riana ke ipaakanyetsa gore mo maitseboeng ke ye go se hula ka ga se kgakala le mo gae,” ga bolela Mme Mokoloku.
Mme Mokoloku a re seboko seo ke sengwe sa dibapalwa nageng tse di tshwanetsweng go bewa leitlho ka se le mosola, a tlatsa ka gore e e re lentswa se sa tlwaelesega thata mo lefatheng leno, ba se rekisa fela jaaka phane - kopi ya sone e rekisiwa P10. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : McCATHY’S RUST
Event : Potsolotso
Date : 14 Feb 2022