Dikgang tsa kgokgontsho di batla go tshwaraganelwa
14 Feb 2022
Mmakaseterata yo mogolwane wa Lobatse Rre Gofaone Morwaeng o kgothaditse ba sepodise le ba lephata la boipelego go tshwaraganela dikgang tsa bana tsa kgokgontsho le go dirisiwa botlhaswa.
Rre Morwaeng o buile se, mo thuto seka-dipuisano ee neng e rulagantswe ke ba lephata le boipelego la kgaolo potlana ya Goodhope kwa Manong Lodge bosheng.
O supile fa go bereka mmogo ga ba sepodise le ba boipelego gole botlhokwa ka jaana batswa-setlhabelo e bong bana, gore ba bone thuso e e tlhamaletseng , ke fa boo babedi ba ka tshwaragana. O ne a tlhalosa gore fa go sena tirisano mmogo le tomagano, dirukutlhi di kgona go felela di sa bonwa molato.
Rre Morwaeng o tsweletse a tlhalosa gore go botlhokwa gore fa ba isa dikgang fa pele ga makgotla a ditsheko, ba nne seopo sengwe e bile ba kwadile se se tshwanang. O ne a gakolola gore fa go kgonegang teng ba leke ka bojotlhe go netefatsa gore mo ditlhotlhomisong go nne le lepodise la mme kana modiri wa boipelego wa mme, ka dikgang tsa teng di ama bana ba basetsana.
A re se se botlhokwa ka gore ka nako tse dintsi batswa-setlhabelo ke bana mme ka jalo ba santse ba tshogile.
Fa ba akgela, ba lephata la boipelegole ba sepodisi ba ne ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore goya kwa pele ba tlaa goga mmogo.
Goya ka pego ya ba boipelego go supagala fa kgaolo ya borwa e na le dikgetsi di ka nna masome a matlhano tsa kgokgontsho ya bana. Modiri mo lephateng la boipelego Mme Tshepiso Mogotsi o supile fa melato eo gona le ya go dirisiwa botlhaswa ga bana le go betelelwa ga reng ga e mengwe.
Mme Mogotsi o ne a tlhalosetsa bokopano joo gore ere le ntswa dipalo tseo dile kwa godimo jalo, ba dumela gore gase tsone tsotlhe ka jaana batsadi bangwe ba santse ba goga dinao go bega melato ya kgokgontsho ya bana.
A re ke ka moo go leng botlhokwa gore ba tshwaragane le ba sepodise ka gore batswa-setlhabelo ba felela ba sa bona thuso ee maleba. Mme Mogotsi o supile fa dikgang tsa bana di batla go tshwarwa ka matsetseleko, a supa gape gore bodiredi bo tshwanetse go nna bo kopa thuso ka dinako tsotlhe fa basa tlhaloganye.
A re go kopa kgakololo go botlhokwa ka gore melao ee sireletsang bana ga e tshwane le ya lefatshe ya penal code. Maikaelelo a bokopano joo ene ele go le go rotloetsa tirisanyo mmogo ga reng ga bana-le seabe botlhe gore batswa setlhabelo e bong bana ba kgone go bona thuso le tshireletso ee maleba.
Phuthego eo, ene e tsenwe ke ba boipelego, ba sepodise, ba botsogo le mekgatlho ee ikemetseng ka nosi ba kgaolo ya Borwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Aobakwe Molefhi
Location : GOODHOPE
Event : Thuto-seka-dipuisano
Date : 14 Feb 2022