Breaking News

Kgosi Theko Kaome o tlotlomaditswe

14 Feb 2022

 Ba lelwapa la ga Kgosi Theko Kaome wa pele yo o sa tlholeng a le mo botshelong  wa motse wa Tsootsha ba amogetse  seetsele  boemong jwa gagwe se se mo tlotlomatsang jaaka mongwe wa magosi  a pele  a a  busitseng  morafhe  ka botswapelo.

Fa a rolela ba lelwapa la  borra Kaome seetsele seo, moeteledipele wa mokgatlho wa Global Transformation  & Networks o o itlamileng  go lemoga baeteledipele ba pele, Rre Taolo Moshaga a tlhalosa fa baeteledipele ba tshwana le  Kgosi Kaome  ba tshwanetswe ke go tlotlomadiwa  ka ba  diretse lefatshe  ka boinnelo mo nakong tse di thata tse di fetileng.

Kgosi Kaome o busitse kwa motse wa Tsoosha kgotsa Kalkfontein kwa a neng a busa teng go fitlhelela  ka ngwaga 1980, mme a tlhokafala ka ngwaga wa 1988. Rre Moshaga a re dikgosi tseo di tlogetse motlhala  le seriti  se se bonwang ke mang le mang  ka jalo ba tshwanetswe go lebogwa, a tlatsa ka gore ba kgaogantse dintwa tse di thata.

Fa amogele seetsele seo, morwadie kgosi kaome, Mme Lelataemang Nkamane   a re seetsele seo se tlotlomaditse ba lelwapa la goora Kaome, e bile se rurufatsa fa rragwe a bereketse lefatshe ,

Fa tswa la gagwe, moemela Kgosi Bernard Kaome wa Tsootsha, Rre  Molema Kaome  a re ntswa  Kgosi Theko Kaome a ne a  busa a le kwa Tshootsha, o ne a nale taolo mo kgaolong ya Ghanzi ka bophara e bile e ne ele moemedi  wa kgaolo ya Ghanzi le Kgalagadi  kwa Mafikeng  le kwa Lobatse.

A tlhalosa fa nako ya teng go emela lefatshe kwa ntlong ya dikgosi ene ese thaka ya motho. A re e re le ntswa ane  sa sa itewa seatla, ene ele mogaka e bile a tlhaloganya tiro ya bogosi botoka fela thata, a tlatsa ka gore go  tlhalosega fa e ne ele mongwe wa ba ba   ileng ntweng  ya lefatshe.

Kgosi Botshelo Lekgothu wa Ghanzi o ne a rurufatsa fa moswi Kgosi Kaome e ne ele mongwe wa dikgosi tsa pele go busa  mo kgaolong ya Ghanzi.   Kgosi Mokgothu le ene o ne a leboga Rre Moshaga go ba a bone go le maleba go tlotlomatsa magosi le bateledipele ba pele segolo bogolo ka bane ba berekela mo dinakong le diemo tse di bokete. A re thulaganyo ya go tlotlomatsa baeteledipe ba pele e ka ruta ditso tsa lefatshe. 

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Ghanzi

Event : Kabo seetsele

Date : 14 Feb 2022