Letlhoko la ditiro le gakatsa borukutlhi
14 Feb 2022
Letlhoko la ditiro go gogetse banana ba Mabeleapudi mo borukutlhing.
Kgosi Sebonego Tebelelo wa Mabeleapudi o tlhalositse mo potsolotsong bosheng fa bangwe banana ba ba dirang borukutlhi ba feletse mo lokwalong lwa boraro. A re bangwe ba nwa majalwa ka mehuta, le a a sa letlelelweng tota mme ba itise bosigo jotlhe ba leleletsa diletso kwa godimo.
Kgosi a re maitiso a tsala dintwa le dikgang tsa matlhapa fa bangwe yaare go tswa foo ba bo ba ya go thuba matlo ba utswa. Kgosi Tebelelo a re kgang e nngwe e e tshwenyang ke go dirisiwa ga bana ba dingwaga tse di kwa tlase mo tlhakanelong dikobo.
A re dingwe tsa dikgang tse ga di begwe kwa go ba molao fa dingwe botsadi bo buisana kwa malwapeng, bo bo bo duedisana koo, ngwana a bo a sala ka lebadi lwa tiragalo.
Kgosi a re ka lebaka la go tlhoka ditiro bontsi, bo inaakantse le Ipelegeng, ke gone kwa ba dirang madi a bojalwa teng. A re mokuru, khadi, morula le modaifok, ke one majalwa a a tumileng ebile a sa kgale mo motseng.
Kgosi o boletse fa motse o na le lepodise le le lengwefela la mosadi mme a supa fa a tlhoka bapati ka gore a le esi o ka se kgone borukutlhi jo bo setseng bo dirwa ka lopenyo ke banana. A re ba kopile go hirelwa bo special constable, go thusa go laola seemo se se bifelang pele. Kgosi Tebelelo o boletse fa go na le bogodu jwa leruo mme go dira banana le bagolo. O supile fa go agilwe masaka mo dikgweng kwa go tlhabelwang leruo teng le bo le rekisiwa ka bokukuntshwane. A re go batla ba sepodise ba Kgomokhumo, go laola seemo le mororo ditsheko di tsaya nako go sekwa mo go dirang gore bangwe ba boelele gape go senya.
A re bontsi jwa bana ba sekole se segolwane sa Patikwane, ba ne ba tsenwa ke COVID-19, a supa fa sekole se sa dira sentle mo ditlhatlhabong tsa lokwalo lwa boraro ntateng ya gore se ne se se na metsi ebile baithuti ba lwala ka bontsi.
Kgosi a re go tlhoka boikarabelo ga batsadi mo thutong ya bana le go ne, ga go thuse seemo. O boletse fa letlhoko la metsi le emisitse ditlhabololo fa dingwe di sa le di eme ebile beng ba dikonteraka ba siiwa ke nako go fetsa.
O boletse gape fa tsela e e ralalang motse ya sekontere e onetse ebile e senya dikoloi. Kgosi a re o tshwenngwa ke dikereke tsa semoya tse di runyang mo motseng, a bolela fa ba etela mafelo a bojanala kwa ba fetang ba tshubelang dikerese le melemo teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MABELEAPUDI
Event : Potsolotso
Date : 14 Feb 2022