Breaking News

Ba Mmopane ba itumelela lekoko

13 Feb 2022

E re ka Motswana a rile pilediwa e a lelwa, banni ba Mmopane le bone ba ne ba seka ba ipona tsapa go tla go latlhela la motla pitsong ka Labotlhano jaaka lekoko le le romilweng ke Tautona le ne le tsile mo kgotleng ya bone go tla go utlwa le go tsaya ka se ba eletsang go bona molao motheo o mosha o ka se akaretsa. 

Ba ne ba tla ba ba ipapanne go supagala gore ba ntse ba emetse lekoko. 

Jaaka e le tlwaelo, kgosi ya motse, Kgosi Simon Manthe o ne a amogela lekoko leo a bo a gwetlha banni go tsena fela mo seporong a tlhalosa fa phuthego eo e se ya go bua ka dikgwetlho tsa motse mme e itebagantse fela le go sekaseka molao motheo. 

O tlhalositse fa tshekatsheko molao motheo e le botlhokwa thata ka jaana e le one o tsamaisang lefatshe la bone. Kgosi o ne a kopa gore molao motheo o kwalwe ka Setswana le gone go re ditsheko tsa bogodu jwa leruo di busediwe kwa makgotleng a Setswana jaaka pele. Ya re kgosi a wetsa ga tsena modulasetilo wa lekoko, moatlhodimogolo wa pele Rre Maruping Dibotelo yo o neng a lekodisa banni ka maikaelelo magolo a letsholo la bone. 

O ne a tlhalosa fa ba romilwe ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go tla go utlwa megopolo ya setshaba mo tsamaisong ya molao motheo bogolo jang nonofo ya one le ditlhaelo tsa one; le gore ba bona dipaakanyo tse di ka tlhokegang mo tshekatshekong ya molao motheo e le dife. Rre Diboteleo o ne a gwetlha banni go bua ka tshosologo mme a ba rotloetsa go bala dibuka tsa melao ya Botswana. 

O tsweletse a itsise banni fa tautona a tlhomile lekoko leo a lebile molao o o mo letlang. Justice Dibotelo o ne a bolelela banni gore tiro ya lekoko ga se go ba ruta ka molaomotheo gore o nonofile jang mme a gatelela fa thomo ya bone e le go tla go tsaya megopolo ya bone gore o ka bakanngwa fa kae. 

A re keletso ya bone e ne e le go tsena motse le motsana mme ka mabaka a nako le bophara ja lefatshe la Botswana, seo ga se na go kgonagala ka jaana ba beetswe kgwedi ya Phukwi monongwaga gore ba bo ba weditse thomo. 

Ya re a digela banni mabogo a tomoga, banni ba batla go latlhela tlhware logonnyana; mme motsamaisa tiro a bo a lebile seemo a bile a tsamaisa phutego ka botswerere. Kgosi Letlamponang Mokgalajwe ya nna ene wa ntlha go akgela mme a kopa gore dikgosi di neelwe dithata go tsamaisa le go aba lefatshe jaaka go ne go ntse pele. A re pele ga lefatshe leno le tsaya boipuso dikgosi e ne e le tsone di busang e bile di tsamaisa le yone kabo lefatshe tota. 

O boletse gape gore dikgosi di ne di dira ditiro tse dingwe jaaka go kgalema lenyatso mo metseng, a supa fa bana ba ba tswang mo tseleng ba ne ba kgathisiwa mme go rene kagiso le thitibalo mo motseng. 

Rre Elias Nthufe e ne o ne a tlhalsoa fa tshekatsheko molao motheo e le tiro e e masisi e e batlang go dirwa ka kelelelo. 

O ne a kopa gape gore Tautona a tlhophiwe fela jaaka mapalamente le makhanselara ka nako ya ditlhopo tsa setshaba. 

O kopile gape gore molao motheo o nyeletse go itlhophelwa ga mapalamnete le makhanselara ka jaana moo gop tsosa dikgotlhang mo metseng a re bogolo go okediwe dikgaolo go na le go itlhophela makhanselara le mapalamente. Rre Nthufe o kopile gape gore molao motheo o lemoge tekatekano ya merafe yotlhe. 

Mme Ratanang Baalora ene o kopile gore molao motheo o sireletse bana ba ba tsetsweng ba le gabedi a re ba tshwanetse ba thusiwe fa ba kopa dithuso. Rre Bonatla Tsholofelo e ne o ne a re molao motheo o dire gore matona a puso a ikopele tiro ya botona ka mokwalo go lebeletswe dithutego le bokgoni jwa bone. A re gompieno tona wa madi le tlhabololo itsholelo ke ene fela a ntseng a thapiwa go lebilwe dithutego tsa gagwe. 

Modulasetilo wa lekgotla la baruti, Moruti Koziba Kgakgamatso o ne a kgala batho ba ba ratang ka bongwe bo bo tshwanang a re ga ba a tsoga sentle mme a kopa gore molao motheo o ropame fela o kgale seo ka se le kgatlhanong le molao wa Modimo. 

Moruti Steven Sebolaaphuti ene a tlatsa mafoko a o a re Batswana ke tshaba e e boifang Modimo mme ka jalo a supa fa e le ruri batho ba ba ratanang ka bong jo bo tshwanang ba sa tsoga sentle mo moweng e bile ba tlhoka thuso. 

A re molao motheo o tshwanetse wa supa gore lefatshe leno ke mpho ya Modimo mme ka jalo go botlhokwa go ema kgatlhanong le mewa e e bosula eseng jalo Modimo o tla huralela tshaba. 

O kopile gore molao motheo o rekegele dikeletso le tiro ya dikereke a tlatsa ka gore dikereke ga di a tshwanela go phadisanya le dikgwebo fa di ikopela lefatshe. 

Mme Abueng Molefe ene o ne a gatelela gore molao motheo o lebe thata diemo tsa banalebogole ka jaana ba sokola go bona ditlamelo di tshwana tsa botsogo le ditsha tsa bonno. A re o eletsa gore molao o sekaseke gore banalebogole ba fiwe thuso e e kgethegileng. Mo tshokologong, lekoko le ne la kopana gape le makgotla a a ikemetseng le batho ba ba ikemetseng. 

Ya re a rola megopolo ya lekgotla le dikereke, Moruti Kgakgamatso a kopa gore molao motheo o papamale fela o gane ditiro tsa boloi le gone gore o lemoge seabe sa dikereke. A re e le baruti ba lemogile gore badiramolato ba bo ba na le mewa e e maswe e e ba ngokelang mo melatong mme a kopa gore molao motheo o letle baruti go etele dikgolegelo go thusa batho ka go koba mewa e e maswe. O ne a supa gape fa merafe e na le dikgosi kgolo mme di sa lemogwe mo molao motheong mme a kopa gore ntlha eo e lebelelwe. 

Dr Vincent Majama e ne o ne a kopa gore molao motheo o papamale o fe dikgosi tlotla le seriti, a supa fa dikgosi dingwe di bidiwa baemela kgosi. 

O ne gape a re molao motheo o letle batho go nyala lefufa (polygamous marriage) ka e le tshwanelo ya setho fela jaaka o letla gore batho ba bong jo bo tshwanang ba ka nyalana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MMOPANE

Event : Commission Review

Date : 13 Feb 2022