Breaking News

Mokgatlho wa Cycle4Life o abela bagodi

13 Feb 2022

Mokgatlho wa dibaesekele wa Cycle4Life  o abetse bagodi ba Manyana didirisiwa tsa botsogo. Dingwe tsa di abilweng di akaretsa dibipa molomo di le dikete tse nne le dikupu tse tharo tsa dibolaya mogare tsa dilithara di le masome mabedi le botlhano. 

Morago ga go tshwara lebelo la dibaesekele ka Matlhatso go tswa Boatle go ya Manyana, mokgatlho oo, o dirisitse dipoelo go tswa mo lebelong leo go abela bagodi. Se go ya ka mokgatlho e le lengwe la maitlamo a bone go busetsa mo setshabeng.

Mokgatlho wa Cycle4Life  o na le dingwaga tse tlhano o ntse o le teng, mme dingwe tsa ditiro tse ba di dirang kwa ntle ga go itshidila mmele, ke go abela setshaba.   

Dimpho di amogetswe ke Kgosi Kebinatshwene Mosielele wa Manyana mme moeteledipele wa mokgatlho, Rre Themba Giddie a tlhalositse  fa mokgatlho o itlamile go abela baagi ka go farologana mo metsaneng yotlhe e ba fetang ka yone fa ba ntse ba itshidila ka go pagama dibaesekele.

Rre Giddie o tlhalositse fa ba bone go le molemo gore ba latlhele lemmenyana, go thusa puso go lwantsha segaja sa COVID-19. A re kabo dimpho e, ba e tshwaraganetse le lekalana la KK Motshidisi Foundation, Notwane Pharmacy le bangwe ba barotloetsi ba mokgatlho wa C4L. Kgosi Mosielele o lebogetse dimpho mme a tlhalosa fa COVID-19 e ne ya tsenya tsebetsebe le letshogo kwa Manyana fela jaaka kwa mafelong a mangwe a bo a kgothatsa mokgatlho go tswelela o dira molemo lefatshe la Botswana ka bophara. Mokhanselara wa Manyana, Rre Peter Sethibe le ene o lebogetse dimpho a re go a nametsa go bona batabogi ba dibaesekele ba ba gopotse kwa Manyana, go abela bagodi.

A re bone ka bonosi mo motseng, go ne go ba retelela go abela bagodi tse di itshireletsa mo mogareng wa COVID-19 mme a re selo se, ke tiro e ntle e bone e le banni ba Manyana ba tlaa nnang ba ikgantsha ebile ba gakologelwa C4L ka bomolemo jo ba bo diretseng banni.

Rre Sethibe o rotloeditse banana ba Manyana go inaakanya le metshameko go itshidila, a re ke selo se se botlhokwa thata mo botshelong jwa motho ka go fokotsa malwetsi a mantsi.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : Gaborone

Event : Kabo dimpho

Date : 13 Feb 2022