Breaking News

Ba kgothaditswe go kabakanya temo

13 Feb 2022

Mopalamente wa kgaolo ya Mmadinare Rre Molebatsi Molebatsi o rotloeditse balemi ba temo ya merogo le maungo  go lema dijwalo tse di farologaneng go tlhabolola temo ya bone.

Rre Molebatsi o buile se kwa phuthegong ya kgotla kwa motseng wa Mmadinare ka Labotlhano, fa a ne a lekodisa banni ba motse oo ka tse di builweng kwa palamenteng le tse di amang motse wa bone. O tlhalositse fa puso e na le maikaelelo a go bona Batswana ba itshetetse go ka lema dijo tse di lekaneng go jewa mo lefatsheng le go rekisiwa kwa ntle.

Rre Molebatsi o supile fa dijo di santse di tlhaelela kgakala mo madirelong mme a ba rotloetsa go inaakanya le mananeo a puso e a ntshitseng go  thusa mo temong gore dijo di kgone go goroga kwa setshabeng.

A re ba tlogele mogopolo wa go lema dijwalo tsa mohuta o le mongwefela go tila seemo sa gore di bo di sa rekwe ka se se ka ba tsenya mo ditshenyegelong.   Fa a akgela mo mopalamente mogolwane mo lephateng la temo  Mme Kgotso Madisa o supile fa puso e na le lenaneo le ka lone e thusang balemi ba merogo le maungo ka go ba teratela masingwana le go ba epela  didiba mme se se dirwa ka maikaelelo a go tlhabolola Batswana.

 E ntse e le kwa phuthegong eo, modulasetilo wa lekgotla le le potlana la kabo ditsha la Mmadinare Rre Mookodi Mogwera o supile fa  ba tshwenngwa thata ke batho ba ba tsweletseng ka go ipaa ditsha tsa masimo kwa mafelong a mahudiso.

Rre Mogwera a re go ya ka molao wa kabo ditsha mafelo a  mafudiso ga  a a tshwanela go kopana le masimo ka e le kwa go ruelwang  teng mme se se  baka kgothang magareng ga morafe.

O ne a tlhagisa ba ba dirang jalo go emisa ka  go le kgathanong le molao go agelela lefatshe le motho a sa le abelwang ka fa molaong ke ba kabo ya ditsha. A re se sengwe se se tshwenyang ke ditsha tse di sa tlhabololwang kwa motseng oo ,a re se se felela se tlama puso go dirisa madi a mantsi go di potiela go ka  batla beng ba tsone.

E ntse e le kwa phuthegong  e e neng e ngokile maphata a a farologaneng a puso, mookamedi wa thuto mo kgaolong ya Bobirwa Rre Moses Tshethana o supile fa maduo a dikole kwa motseng wa Mmadinare a sa jese di welang.

Rre Tshetlhana o tlhalositse fa maduo a a sa tswang go gololwa a lokwalo la bosupa, dikolo tsotlhe tse thataro tsa motse wa  Mmadinare di paletswe ke go tshwara seelo se se beilweng sa makgolo a le supa le boroba bobedi mo lekgolong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Mmadinare

Event : Phuthego

Date : 13 Feb 2022