Komiti ya ditlhabololo e akgolelwa go dira ka natla
13 Feb 2022
Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi o kgothaditse komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Sehithwa, go tswelela e dira ka natla.
Se se tla morago ga gore Mme Masisi a lekole ditiro (projectsa komiti tse pedi, ya go roka le ya thuo ya dikoko tsa mae ka Labone. Mme Masisi yo a thusitseng komiti ka matlapa a a rokang a le mabedi ngogola, a re maikaelelo e ne e le gore komiti e itirele madi go tlhabolola matshelo a setshaba.
A re o itumelela go bo komiti e dule ka megopolo ya go dirisa matlapa, jaaka go a hirisa le go roka dilwana tse ba ka di rekisang abo a ba kgothatsa go dirisa maranyane go ipapatsa.
Mme Masisi o lebogile moepo wa Khoemacau Copper go bo ba rotloeditse komiti ya Sehithwa go simolola kgwebo ya dikoko tsa mae. A re maiteko a moepo oo, a tsamaelana le maiteko a puso a go tlhabolola matshelo a batho.
O rotloeditse banana go nna le seabe mo komiting ya ditlhabololo tsa motse. Mokwaledi wa komiti, Mme Kangezee Tjihumino o tlhalositse fa moepo wa Khoemacau o o neng o tshwaragane le khamphane ya Conco Botswana, di thusitse komiti ka dikoko tsa mae di le makgolo a mane le matlo a dikoko a le mararo.
Mme Tjihumino a re kgwebo e kgona go ntsha mae a le makgolo a ferabobedi le lesome mo kgweding a a ba a rekisetsang bone ba moepo wa Khoemacau Copper.
A re fa e sa le ba simolola kgwebo eo kgwedi ya Phalane ngogola, ba dirile P14 580 ba bo ba hira badisa dikago ba le babedi le go reka dijo tsa dikoko ka dipoelo.
Mookamedi wa moepo wa Khoemacau, Rre Boikobo Paya a re go thusa komiti ya Sehithwa ka kgwebo ya mae ke mangwe a maikaelelo a khamphane go busetsa setshaba.
A re badiri ba moepo ba tlhoka mae a ka tshwara dikete tse tharo mo kgweding, a supa fa maikaelelo e le go simolodisa dikgwebo tsa dikoko tsa mae kwa metseng e mengwe e e gaufi le moepo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Sehithwa
Event : Tekolo madirelo
Date : 13 Feb 2022