Breaking News

Leina Botswana le a kgetholola monni

10 Feb 2022

Go fetola leina la lefatshe leno ke sengwe se se ka gogelang tshaba ya lone kwa popaganong ya boammaaruri.

Monni wa Mogoditshane Rre Boitshwarelo Koosimile o buile jalo fa a ne neela lekoko la tshekatsheko ya molao-motheo mogopolo wa gagwe kwa Mogoditshane ka maabane.

Rre Koosimile a re go bo leina Botswana le tswa mo puong e e buiwang ke merafe e e robabobedi e e tsewang e le yone e megolo, ga go lebege sentle, mme ebile ga go tlotlomatse tekatekano ya batho e lefatshe leno le ipelang ka yone.

Fa a atolosa kgang ya gagwe mo potsolotsong morago ga phuthego, o ne a tlhalosa fa mafatshe mangwe a kwa moseja a akaretsa a Sweden le Denmark a sa bewe kwa mosing ke go bo a biditswe ka dipuo tsa koo ka jaana a sa thaiwa ka merafe e e farologanyeng.

A re go tila seemo se se tshwanang le sa Botswana, mangwe mafatshe a Aforika a ne a kgetha go ipitsa ka maina a ditsa-tlholego jaaka la Nigeria le a reng le tsere leina la lone mo nokeng ya Niger.

A re a mangwe jaaka a Zambia, Zimbabwe le Tanzania le one a ne a kgetha maina a a sa tlhaoleng merafe e mengwe ka go tlhopha maina a a sa ikaegang ka puo tsa merafe epe e e mo go one.

Rre Koosimile a re le mororo kgang e Batswana ba santse ba e didimaletse, go na le kgonagalo ya gore e bo e ka baka kgotlhang mo isagong.

“Re lefatshe le le agilweng ka merafe e e farologanyeng, ka jalo molao-motheo wa rona o tshwanetse wa lemoga seo wa ba wa se tlotlomatsa. Ga re a tshwanela go iphitlhela re nyenyafatsa merafe e mengwe ka puo tsa yone le ka lone leina la lefatshe tota,” o ne a supa jalo.

Le fa a ne a sa tlhomamise gore phetolo eo ya leina la lefatshe e ka dira go le kae go nonotsha tshwaragano ya setshaba, Rre Koosimile o tlhalositse fa ka tsela nngwe go dira jalo go ka atamalanya ga ba ga aga botsalano jo bo tlhomameng mo gare ga merafe ya lefatshe leno.

Le ntswa a sena kakanyo ya gore leina le ka fetolelwa kwa go lefe, o ne a fa la Aforika Borwa e le sekai, a re gongwe la Botswana le lone le ka ikaa ka manno a lone a gore le fa kae mo borwa jwa Aforika, jaaka go ka twe Central South Africa.

Kwa ntle ga kgang ya leina, Rre Koosimile o ne a supa fa molao-motheo wa Botswana o le montle fela thata, mme ebile a supa fa go se maleba gore o ka fetolwa mo go tseneletseng.

E ne erile go le pele ka nako ya dikakgelo kwa phuthegong, sebui se sengwe Rre Kuke Kolo a kopa gore molao wa bogosi o fetolwe gore motho mongwe le mongwe a letlelesege go ka tsaa setilo sa bogosi gope kwa a eletsang teng.

A re kgang ya gore bogosi bo a tsalelwa e siilwe ke nako ka jalo e tshwanetse ya seegelwa fa thoko.

One a re: “A e re ke le Rre Kolo ke Mokgalagadi wa Kole ke kgone go nna mothusi wa ga Kgosi Dihutso.”

Mo godimo ga moo, Rre Kolo o ne a kopa gore Motswana mongwe le mongwe go balelwa le ba tsereng boagedi go tswa kwa mafatsheng a sele ba letlelesege ka fa molao-motheong go ka tsaa maemo a botautona jwa lefatshe la Botswana.

Mme mongwe e leng Grace Letsholo o ne a bua mafoko a a bapileng thata le a  ga Rre Kolo, a supa fa kgethololo ka semorafe e le ntsi mo Botswana.

A re: “Ga o re o dira selo se se neng se go tshwanetse o le wa moratshwana, merafe e mentsi e, e a go tsogologela,  ga o a sepe o moratshwana. Ga re ka leba ka bomoratshwana, ga re kake raya gope.

Ga ke itse gore a bomorahe bo metwa ka beisane, bomoratshwana ka kopi, a Batswana bothe ba lekalekane ka seemo sa bone, ke gone e kareng le re go na le puso ya batho ka batho ra dumela; Jaanong go na le puso ya merahe  e metona e busa ka meratshana.”

Ka jalo  o ne a kopa gore molao-motheo o lemoge merafe yotlhe ka go lekalekana, go sena ope morafe o o okametseng o mongwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MOGODITSHANE

Event : Tshekatsheko ya molaomotheo

Date : 10 Feb 2022