Balemi ba Chobe ba lebogela tshwetso
10 Feb 2022
Tshwetso ya bosheng ya puso ya go emisa theko ya merogo go tswa kwa mafasheng a mangwe e tlaa thusa go godisa balemi ba ba mo gae.
Mafoko a a builwe ke molemi wa monana mo Kavimba, Rre Olebile Samunzala mo potsolotsong le BOPA.
Rre Samunzala yo o etleeditsweng ka lenaneo la banana la Youth Development Fund (YDF) ka 2018 a re o ntse a lema dijwalo di tshwana le ditamati, okra le magapu.
A re e re le ntswa merogo ya gagwe e ntse e rekwa sentle tshwetso ya go tswalela merogo e e tswang ko ntle e tlaa thusa gore ditlhwatlhwa di nne botoka.
A re merogo ya gagwe e rekwa yotlhe mo Chobe mme ke fale le fale fela a kileng a rekisa kwa ntle ga Chobe.
Rre Samunzala a re tshwetso e ke kgwetlho mo baleming ba mo gae gore ba itsolopanye ba oketse temo ya bone gore ba kgone go jesa lefatshe. A re monongwaga o simolotse go lema dijwalo tsa komelelo dingwe jaaka mmidi, manoko, ditloo, dinawa, makgomane ka a ne a lemoga gore nkete ga a dirise tshimo ya ga gagwe mo go lekaneng.
Molemi yo a re o sale a simolotse go lemolola ka Ngwanatsele mme a diega go jwala ka pula e simolotse go na ka Sedimonthole.
A re tshimo ya gagwe e mo lefelong le le tshabelelwang ke go amiwa ke metsi a noka fa dipula di nele thata kwa Angola ka jalo ba fefogela go lema mo kgweding ya Ngawanatsele gore fa morwalela o goroga ba bo ba robile.
O boletse fa a na le tsholofelo gore morago ga dipula tse di gosomaneng mo kgaolong eno o tlaa bona thobo ee nametsang mme fa go ka nna le dikgwetlho tsa pula o tlaa pepetletsa dijwalo tsa komelelo ka go di nosetsa ka a nale sediba.
Molemi yo mongwe, Mme Agnes Museke wa Satau a re ene o lemile dijwalo tsa komelelo kgwedi ya Sedimonthole e fela.
Mme Museke a re ka ntlha ya pula e ntsi ka nako ya go jwala, dijwalo di ne tsa amega ka di medile mo metsing a mantsi mme jaanong di a tokafala ebile di a nametsa.
A re o lemile mmidi le dinawa mme fa go ka senne le dikgoreletsi jaaka malwetsi le diji o solofetse gore a jese lelwapa a bo a rekisa.
Le fa go ntse jalo, a re o setse a bona matlhasedi a diboko tse di jang mhero mme o tshoga gore jaaka ba simolotse go tlhagola diboko tse di tlaa tlhasela mmidi. O supile fa a tlaa ikopanya le molemisi go kopa thuso.
A re tshwetso ya puso ya go kganela merogo e e tswang ko ntle e mo gwetlhile gore mo nakong ee tlang fa itsholelo ya gagwe e letla a kabakanye temo.
Kwa masimong a Molapong a a fa gare ga motse wa Mabele le Kavimba, Rre Jackson Maruza ene o sale a lema ntshe le mmidi ka kgwedi ya Lwetse go tshaba morwalela o o bakwang ke noka.
A re dipula tsa bosheng ga di a ama ka gope temo ya gagwe ka ebile a setse a roba ntshe.
Rre Maruza a re ka nako ya fa a lema o ne a nna le kgwetlho ya diterekere ka jaana di ne di setse di simolotse go lema ntlha nngwe ya motse.
Le fa go ntse jalo, a re o solofetse go roba dijwalo tsa bofelo ka Moranang mme ebile o tshepa gore faa go ka nna morwalela o tlaa fitlhela a feditse.
Rre Maruza a re kgang ya ditlou e e tshwenyang thata mo kgaolong ya gagwe ene ga e mo tshwenye ka jaana a dirisitse tereta ya motlakase e e tsenngwang ke ba Elephant Without Borders.
A re o ageletse tshimo ya selekanyo ya 8 hacters mme a duetse madi fela a mannye a P2 500. A re kgang ya go emisa merogo e e tswang ko ntle e a lebosega ebile ke kgwetlho mo baleming bamo gae gore le bone ba ipone ba jesa lefatshe ebile ba rekisa le ko ntle. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keamogetse Letsholo
Location : Kasane
Event : Potsolotso
Date : 10 Feb 2022