Breaking News

Magosi a batla dithata

09 Feb 2022

Dikgosi kwa Lobatse di kopile gore molao motheo o neele magosi dithata tsa go letsa moretlwa mo bananeng go kgalema botlhoka tsebe.

Dikgosi di buile jalo fa di rola kgang ya tsone fa pele ga lekoko le le romilweng ke Tautona Dr Mokgweetsi Masisi go tsaya megopolo mo Batswaneng mabapi le tshekatsheko molao motheo.

Kgosi Tshegofatso Setumo wa Peleng a re go tswa goo-lowe, thupa e ne e aga ngwana. O kgadile  tsamaiso ya gompieno ya go isa bana kwa kgolegelong, a tlhalosa fa e sa siama ebile  e senyetsa bana bokamoso.

Kgosi Setumo o ngongoregile gore molao motheo sireletsa  ditshwanelo tsa babelaelwa  mo go tsa borukhutlhi go na le ba ba amegileng.

A re molao motheo o mosha o tshwanetse wa tsenya tsetlana e e sireletsang ditshwanelo tsa batho ba ba senyeditsweng kana ba gobaditswe.

O ne a lebogela Tautona Masisi tshwetso ya go sekaseka molao motheo a re seo se tlaa nonotsha puso ya batho ka batho.

Kgosi Richard Kwapa wa Motswedi/Thema le ene a re go botlhokwa gore magosi a neelwe dithata tsa go kgwathisa banana ba ba tlhokang tsebe.

A re ba tshwenyegile thata ka banana bangwe ba ba kgokgontshang batsadi ba bone a re o dumela fa thupa e ka thusa go fetola maitsholo a bone.

Kgosi Kwapa o rotloeditse banni go bala molao motheo le melawana  e mengwe gore ba nne le kitso e e tseneletseng.

Boralekgotla bone ba re molao motheo o tshwanetse go letla gore ba neelwe dikatso fela jaaka boralekgotla ba kwa magaeng ka jaana ba dira tiro e e tshwanang.

Ralekgotla wa Peleng Botlhaba, Rre Zanthaz Diphoko o ne a gatelela mafoko ao a re ba dira tiro e tona ya go thusa dikgosi.

Moruti Rex Rabanna, yo gape e leng mongwe wa boralekgotla, o ne a supa fa a na le dingwaga di le masome a mabedi a dira tiro eo kwa ntle ga dikatso. O kopile gore molao o mosha o lemoge seabe sa bo ralekgotla.

O ne a supa fa puso e itlhokomolositse dikereke le ntswa di dira tiro e ntle. A re dikereke di lela ka go tlhoka ditsha, mme a kopa gore di sekasekelwe gore bogolo di fiwe mafelo a a fa gare ga toropo.

Rre Moatlhodi Baitse o ne a kopa gore dikgosi di fiwe dithata tsa go tsamaisa lefatshe. A re dikgosi e nne tsone di a abang lefatshe mme makgotla a kabo ditsha one a bo a rurufatsa fela go thusa go fefosa kabo ya lefatshe.

O ne a kopa gape gore molao motheo o sekaseke gore ditsheko tsa bogodu jwa leruo di busediwe kwa makgotleng a setswana a re seo se ka thusa go fokotsa borukutlhi.

Fa a tswa la gagwe, Rre Gobusakgabo Babinang o ne kopa gore molao motheo o kwalwe ka Setswana gore Batswana botlhe ba kgone go bala le go tlhaloganya.

Fela jaaka dibui tse dingwe, Rre Babinang o kopile gore makgotla a kabo ditsha a nyelediwe mme kabo ditsha e boele kwa bogosing jaaka go ne go ntse pele.

Mongwe wa banana, Mme Star Keothaile ene o kopile gore molao o sekaseke gore a tlhatlhobo ya DNA e ka se dirwe mahala ka seo se ka golola borre ba ba patelediwang bana ba eseng ba bone.

A re borre ka bontsi ba tletse ka dikgolegelo ka ntlha ya go tlhoka go tlhokomela bana mme a supa fa DNA e le yone fela e ka rarabololang seemo seo.

Rre Elias Rantleru ene o ne a lebogela tshekatsheko ya molao motheo a supa fa o na le diphatlha tse di tlhokang go baakangwa. O ne a fa sekai ka karolo ya boraro mo molao motheo, e e buang.

Rre Hossein Pandor o ne a re molao motheo o tshwanetse go papamala gore badirela puso ba ba tlogetseng tiro ka bogodi ba seka ba hirwa gape ka jaana letlhoko la ditiro le ile magoletsa.

A re badirela puso ba ba tlogetseng ka bogodi ba tshwanetse go sutela banana mme ba neelwe madi a bone otlhe go itirela  matshelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : LOBATSE

Event : Constitutional review Commission

Date : 09 Feb 2022