Moithuti o ikgapetse botshelo
09 Feb 2022
Mapodisi a Middlepits mo kgaolong ya Kgalagadi borwa a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone ngwana wa dingwaga tse di lesome le bobedi a ikaleditseng kwa Kolonkwaneng ka Matlhatso.
Mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi, mookamela mapodisi a Middlepits Assistant Superintendent Kebadire Mmopi, a re ba amogetse kgang eo ka Matlhatso ba e begelwa ke kgaitsadie mosimane yoo.
A re moswi yo o neng a dira lekwalo lwa bosupa kwa sekoleng se se botlana sa Kolonkwaneng o ne a ya dithutong tsa mafelo a beke ka Matlhatso le balekane ba gagwe.
Morago ga sekolo a apola paka ya sekolo fela sentle go ya go tshameka le ba bangwe.
Mo sebakeng se se khutshwane ditsala tsa gagwe tsa tla go itsese kgaitsadie ka se mosimanyana yoo a se dirileng.
Asst Supt Mmopi a re kgaitsadie a ragogela kwa lefelong la tiragalo, mme a fitlhela a ikaleditse sekgala sa 200 meters go tswa fa lelwapeng la gagabo.
Mo nakong eno go santse go sa itsewe se se bakileng tiragalo eo.
Moswi o ne a nna le mmaagwe le kgaitsadie wa dingwaga tse masome a mabedi le bone.
Go bolelwa fa ka Labotlhano mosimanyana a ne a lofela sekole a bolela fa borokgwe jwa gagwe jwa paka sekolo bo sa tlhatswiwa.
Mme mmaagwe o bolela fa a ne a mo kgalemelela seo, ka jalo ka Matlhatso a ya sekolong fela sentle.
Go santse go ise go tlhomamisege gore go ka tswa go diragetse eng ka a sa tlogela mokwalo kana sepe fela se se ka tlhalosang gore ke eng a ikgapetse botshelo.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di santse di tsweletse fa serepa sa mosimanyana sone se le kwa setsidifatsing kwa sepatela sa Tsabong.
Rre Mmopi o gakolotse gore bana ba tshwanetse ba kgalemelwa ka go siselwa.
A re ba kgalemelwe go sekegelwa mafoko a a dirisiwang mme ebile go seka ga dirwa phetelela.
O tlhalositse gore tiragalo eo e le ya ntlha e diragala monongwaga mme ngogola go nnile le tiragalo ya mofuta o e le nngwefela e mo go yone monna mongwe wa modisa a neng a itseela botshelo kwa morakeng mongwe mo kgaolong eo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Kolonkwaneng
Event : Potsolotso
Date : 09 Feb 2022