Breaking News

Lekgotla la borre le tlhoka didirisiwa

09 Feb 2022

Modulasetilo wa lekgotla la borre (men sector) la kgaolo ya Goodhope le metse e e mabapi, o ngongoregile ka letlhoko la didirisiwa.

Rre Kgopolo Motsumi o supile se kwa bokopanong jo lekgotla le neng le bo tshwere ka Laboraro kwa Goodhope.

Maikaelelo a bokopano e ne e le go sekaseka tema e ba e dirileng mo ngwageng o o fetileng le go bona gore tse di padileng, go ya pele ba tlaa di kgona jang.

Rre Motsumi a re le fa ba na le dikgwetlho tsa go fiitlhelela maikaelelo a bone, mathata a matona a ba kopanang le o ne ke letlhoko la dipalamo.

A re se, se dira gore ba felele ba sa kgona go thusa morafe sentle ka bontsi jwa nako ba palelwa ke go ne ba boela kwa morago, go ya go tlhola gore a maduo mo tirong a atswa.

Rre Motsumi a re seo se a tshwenya ka gore kgaolo e ba direlang mo go yone ya Morolong e itemogela kgokgontsho e ntsi, bogolo jang ya dikiteo a re ke ka moo go leng botlhokwa gore gangwe le gape ba nne ba ikgata motlhala go ya go tlhola gore a seemo se bepile.

A re seemo seo gape se dira gore morafe o seka wa nna le tshepo mo lekgotleng.

Bokopano bo ne jwa felela bo dumalana gore e re ka jaana ba itse mathata a letlhoko la dipagamo e le lone mmaba bontsi jwa nako, go botlhokwa gore dikgang tse dingwe tse ba kopanang le tsone, ba di fetisetse kwa makgotleng a mangwe a ba dirang le o ne jaaka la Stepping Stones International le ba sepodise.

Maloko a ne a dumela gore go dira jalo go ka ba thusa go ntsha tema mo tirong le gore bangongoregi ba kgone go bona thuso.

E ne yare morago ga bokopano joo, lekgotla la tlhopha komiti e ntsha ka e kgologolo e ne e setse e digetse sebaka sa yone.

Maloko a ne a supa fa ba santse ba na le tshepo le tumelo mo go Rre Motsumi ka go mmusetsa mo maemong a modulasetilo ka bongwefela jwa pelo.

Rre Gaofenngwe Seobamo o ne a tlhophiwa go nna mothusa modulasetilo fa Rre Omphile Makhokhoba a tlhophilwe go nna mokwaledi.

Rre Motsumi o lebogile maloko go bo ba supile fa ba santse ba mo tshepa le komiti.

O kopile maloko otlhe gore e re jaaka ngwaga o simolola, mongwe le mongwe a tsene mo mokgatlhong ka mashetla le maikaelelo a gore maduo e nne a a nametsang.

A re seo se botlhokwa ka jaana lekgotla le bereka ka go sokolola le go leka go somarela matshelo a setshaba. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GoodHope

Event : Bokopano

Date : 09 Feb 2022