Lephata le rekisitse dikoloi ka palabalo kwa Tsabong
09 Feb 2022
Mogolwane wa lephata la dipalamo tsa puso kwa Tsabong, Rre Mogomotsi Badenhorst o gakolotse bareki go emisa mokgwa wa go tsholetsa ditlhotlhwa tsa dikoloi tse di rekisiswang ka palobalo.
Rre Badenhorst o buile se mo potsolotsong morago ga gore dikoloi tse di ntshitsweng mo tirisong tse di neng di beetswe go rekwa ka seelo sa P2 million di felele di rekwa ka P9 million ka Mosupologo kwa Tsabong.
O tlhalositse fa palabalo eo e eneng e tshologetswe ke matshwititshwiti a batho e tsamaile sentle ka e ne e le lantlha Tsabong a rekisa dikoloi di le lekgolo le boferabongwe.
A re mo nakong e e fetileng, lephata le ne la rekisa dikoloi di ka tshwara masome a mararo mme ka mabaka a go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19 ba ntse sebaka ba sa rekise.
Rre Badenhorst o tlhalositse fa dikoloi tse di rekisitsweng ka Mosupologo, e le tsa mefuta e e farologaneng tse di duleng mo tirisong ka mabaka a a farologaneng.
Rre Badenhorst a re go a tshwenya gore bareki ka nako ya palabalo, ba isa ditlhotlhwa kwa mankalankaleng go sa tlhokafale.
O tlhalositse fa dikoloi di ne di simolola ka seelo sa P4 000 mme di felela kwa go P60 000.
Rre Badenhorst o tlhalositse fa puso e tsaya tshwetso ya go ntsha koloi mo tirisong morago ga go dirwa dikanoko tse di tseneletseng mme ebile fa ditlhotlhwa di bewa, go a bo go lebeletswe boleng jwa koloi, mofuta wa yone, lebaka le e le tsamaileng le gore e senyegile go le kae.
A re go lebega bareki ba sena kelelelo ya seo mme ba reka fela ka ditlhotlhwa tse di kwa godimo mo ba salang ba ipotsa gore a seo se se dirwa ke gore ba tlhoka kitso ya theko ya dikoloi.
O tlhalositse fa bareki ba neelwa malatsi go bona dikoloi, go itse makoa a tsone a re le fa go ntse jalo, ba tlhatloga thata ka ditlhotlhwa ka nako ya palabalo, go feta jaaka go ne go akantswe.
Rre Badenhorst o supile fa dikoloi dingwe di rekilwe ka madi a a neng a ka reka koloi fela e ntsha kwa bentleleng.
“Re akabetse, re ipotsa gore golo mo go ka tswa go dirwa ke eng mme go tswa bogologolong go ntse go diragala,” Rre Bandenhorst a tlhalosa.
A re e ne e le lantlha Tsabong a rekisa dikoloi tsa palo e ntsi go le kalo mme seo se ba rutile go tokafatsa thekiso gore mo nakong e e tlang, ba rulaganye gore moreki a tseye koloi ya gagwe a tsamaye gone foo a sena go reka.
A re ba tshwenngwa ke gore bareki bangwe ba tsena mo palobalong ba bo ba pega ditlhotlhwa mme ba bo ba sa golole dikoloi.
O supile fa seo se tshwenya ka gore koloi ke selo se se latlhegelwang ke boleng ngwaga le ngwaga mme ba patelesega go di baya ba bo ba di rekisa mo palabalong e e latelang mme ba esitse seelo sa tsone kwa tlase fela thata.
Mo letsatsing leo, koloi e e rekilweng ka madi a seelo sa yone sa P5 000 e ne ya nna ya modiro wa Kia Sorento fa ya Toyota GD6 e e neng e beetswe seelo sa P60 000, e ne ya felela e rekwa ka P270 000.
Mo potsolotsong, moreki wa yone, Rre Leepo Motsewapuo o tlhalositse fa palabalo eo e ne e le turu fela thata mme e ne e dirwa ke batho ba ba ntsi le ba ba neng ba tswa kwa ntle ga Tsabong.
A re go itsa gore thekiso ka palabalo e ture, go botlhokwa gore fa go rulaganngwa thekiso lefatshe leno ka bophara, go dirwe jalo mo letsatsing le le lengwefela ka gore bangwe ba tswa kwa ntle ga mafelo a go setseng go rekisitswe teng ba tla go pega ditlhotlhwa mo mafelong a mangwe.
O kopile gore go fetolwe tsamaiso gore le Batswana ba ba sa ineeng sepe ba kgone go akola thekiso ka dikoloi tseo di ka ba solegela mosola.
A re fa malatsi a farologana ebile go rekisiwa kwa mafelong a a farologaneng lefatshe ka bophara, go kgona go felela go akola batho ba le bangwefela ka ba sa ipone tsapa go reka kwa mafelong a a farologaneng.
Rre Motsewapuo a re fa batho ba le bantsi, tlhotlhwa ya tdikoloi e kgona go ya kwa godimo mme go ne go sa tlhokafale.
Mo nakong eno go setse go rekisitswe dikoloi tsa puso tse di duleng mo tirisong kwa Ghanzi, Maun, Kasane, Francistown le Tsabong.
Go tlaa rekisiwa kwa Gaborone Tlhakole a le 18, kwa Mahalapye go tlaa rekisiwa Thakole a le 15, kwa Selebi Phikwe Tlhakole a le 16, Kwa Serowe Tlhakole a le 17, kwa Lobatse go tlaa rekisiwa Tlhakole a le 21 fa go tlaa rekisiwa gape kwa Gaborone Tlhakole a le 23. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : Tsabong
Event : Palabalo
Date : 09 Feb 2022