Mme Masisi o rotloetsa tshwaragano
09 Feb 2022
Mohumagadi wa ga Tautona, Mme Neo Masisi o kopile banni ba Maun go tshwaragana mo ntweng kgatlhanong le kgokgontsho ya bong le ya bana gammogo le tiriso botlhaswa ya bana.
Mme Masisi o buile se mo bokopanong le magosi le bahumagadi mo Maun ka Labobedi.
O ne a lebogela tema e makalana a a farologanyeng mo Maun a a setseng a e segile mo go lwantsheng kgokgontsho.
Mme Masisi o ne a ba rotloetsa go tswelela ka go tshwaragana gore ba fenye ntwa kgatlhanong le kgokgontsho. O boletse fa tshwaragano ya bone e ka ba thusa le gone gore bao ba ba tswang dithuso ba ba
thuse ba le seopo sengwe.
Mme Masisi o ne a tswelela ka go supa fa magosi e le pinagare ya morafe ka jalo seabe sa bone se le botlhokwa.
A re setshaba se tshwanetse sa nna sa tsibosiwa le go rotloediwa go bega dikgang le go ruta bana ka kgokgontsho.
Fa a amogela batsena bokopano, mothusa motshwarelela Bogosi jwa Batawana, Kgosi Bringle Dithapo o ne a tlhalosa fa seemo sa kgokgontsho se tshwenya thata mo motseng wa Maun, bogolo jang fa ba tswa setlhabelo ba tsholola dikgetsi ba re ba itshwarela ba dira molato.
Mongwe wa ba tsena bokopano, Kgosi Cosmos Lelathego wa kgotla ya Moeti ene o ne a tlhalosa fa kgotla ya gagwe e na le mokgatlho wa borre o o itebagantseng le kgokgontsho ya bong, bogolo jang dikgang tse di amang bakapelo ba ba nnang mmogo ba sa nyalana.
Kgosi Prince Shashe wa kgotla ya Shashe ene o ne a re o tshwenngwa ke batsadi bangwe ba ba sa begeng dikgang tsa tiriso botlhaswa ya bana ba lebile gore ba akola sengwe mo badireng molato.
Mookamedi wa lekalana la sepodise la tlhokomelo ya bong le bana, Senior Assistant Commissioner, Mme Goitseone Ngono a re go a tshwenya go bo batswa setlhabelo ba tsholola dikgetsi tsa kgokgontsho.
Mme Ngono a re ba tswa setlhabelo bangwe ba goga dinao go isa dikgang kwa go ba molao ka mabaka a letshogo fa bangwe ba malwapa ba ikanya go a buisana le ba ba amegang.
A re tiriso botlhaswa ya bana nako tse dingwe e rotloediwa ke tlhokomelo e e kwa tlase ya bana.
A re kgaolo ya sepodise ya Maun le yone e na le dikgetsi tse di tshwenyang tsa kgokgontsho ya bong le go tsholola dikgetsi tse di begilweng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Bokopano
Date : 09 Feb 2022