Breaking News

A molao-motheo o iletse kgethololo

08 Feb 2022

Go iletsa kgethololo ya mothale ope fela mo molao-motheong wa Botswana go ka nonotsha tshireletsego ya ditshwanelo tsa batho ga ba ga afa ba ba kgethololwang tshwanelo le tshiamelo ya go itsheka.

Fa a rola dikeletso tsa bana-le-bogole fa pele ga lekoko le le tlhomilweng ke tautona la tshekatsheko ya mola-motheo kwa Mogobane ka Labobedi, Rre David Moatshe wa Camphill Community Trust o boletse gore bana-le-bogole ba angwa thata ke dikgang tsa kgethololo jalo go botlhokwa gore ba sirelediwe.

Rre Moatshe, yo o tshelang ka bogole, a re mo nakong eno, ga gona sepe mo molao-motheong se se dibelang ditshwanelo tsa Batswana kgatlhanong le kgethololo ya mothale ope fela.

Go sale foo, moemedi yoo wa lekgotla le le dirang le banale-bogole, o supile fa molao-motheo wa Botswana o tlhaela mo go ngomolang pelo go ka itebaganya le dikgang tse di amang bana-le-bogole.

A re fa Botswana a tshwantshanngwa le mafatshe a tshwana le Zimbabwe, Zambia le Afrika Borwa, lefatshe leno le santse le na le tiro e ntsi go ka dibela ditshwanelo tsa bana-le-bogole.

Rre Moatshe o ne gape a supa fa molao-motheo o tshwanetse wa nna le tsetlana e e tlhomang seelo sa thuto se puso e tlamegang go se fa bana-le-bogole.

A re se se ka tlhomamisa gore bana-le-bogole ba fiwa thuto ya boleng jo bo rileng mme e bile go nna le tsetlana eo go ka ba fa thata le tshwanelo ya go itsheka fa puso e ka tsuolola tshwanelo eo ya bone. Mo ntlheng e nngwe, Rre Moatshe o ne a bolela fa go le thona gore mo nakong eno molao o bo o sa bue sepe ka go nolofaletsa bana-le-bogole go tsena mo dikagong le go akola ditirelo di tshwana le go dirisa dipalamo tsa setshaba ntle le kgoreletsego epe.

O bile gape a ngongorega ka mafoko mangwe a melao mengwe e Botswana o e dirisang go kaya batho ba ba tshelang ka bogole jwa tlhaloganyo jaaka la seeleele (idiot/imbecile) le le fitlhelwang mo temaneng ya bo 148 ya Penal Code e e buang ka tiriso botlhaswa ya balwala-tlhaloganyo mo go tsa tlhakanelo dikobo le tletse lesotlo e bile le nyenyafatsa batho ba go nna jalo.

Mme Tsholofelo Letshoo wa lekgotla la tlhokomelo ya bagodi la Phala e Senang Phalana ene o kopile gore tlhokomelo ya bagodi e tsenngwe mo molao-motheong a re go dira jalo go ka tlhomamisa gore bagodi ga ba sotlege jaaka go diragala ka bangwe mo nakong eno.

A re go tlhoka go tlhokomela bagodi ga bana go tshwanetse ga fetolwa molato o motho a ka o sekisediwang.

Mme Letshoo o rile ke maswabi go bo bana bangwe ba tsweletse ka go ikgatholosa batsadi ba bone mo dingwageng tsa bone tsa bogodi mme go sena sepe se se ka dirwang ka fa molaong.

Monni yo mongwe Rre Rahube Rahube o ne a iteela moroko mafoko a ga Mme Letshoo a tlhalosa fa go latlhelelwa ga bagodi go ya magoletsa a re nako e tsile ya gore bana ba tlamiwe ke molao go tlhokomela batsadi ba bone.

Mo go di sele, Rre Rahube o ne a kopa gore melelwane ya maphata le makalana a a farologanyeng e tsamaisanye go itsa ketsaetsego mo go ntshiweng ga ditirelo.

O ne a re fa melelwane ya sepodisi, tsa botsogo, dikgaolo tsa sepolotiki le tsa kabo ya lefatshe e sa nyalane, morafe ga o kake wa bona ditirelo le ditlamelo ka thelelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : MOGOBANE

Event : Patlo maikutlo ka molao motheo

Date : 08 Feb 2022