Tlou e tshositse balemi-barui kwa Soko
08 Feb 2022
Balemi-barui ba masimo a Soko go bapa le Serowe bane ba inaa naga go iphalotsa morago ga gore ba tlhaselwe ke tlou e ba neng ba sa itse gore e tswa kae.
Mo potsolosong mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng, o boletse fa rre wa dingwaga tse di masome mane le bone, a ba begetse fa tlou e raletse masimo a bone, e tsamaya e kgakgamolola diterata tsa masimo le go diga megwaafatshe mengwe.
O boletse fa bontsi jwa balemi bo ne ba sia, ka e ne e le lantlha ba bona phologolo ya mohuta oo mo kgaolong ya bone.
Tlou eo e ne ya bonwa e kaila kaila mo mokgacheng wa thota ya Shakge, mme e tsamaela ntlheng ya kgotla ya goora-Sesome kwa Serowe.
O boletse fa monna mongwe go bapa le mabitla a goora-Seretse a ne a falola ka bobi jwa segokgo, morago ga gore e mo alole.
Supt Oteng o boletse fa ba ne ba begela ba lephata la diphologolo makgabisa naga, ba ba neng ba e bolaya, ka ba ne ba bona e le borai thata mo matshelong a batho.
Ba ne ba tsaya dinaka tsa yone, mme dinama tsa yone ba rebolela batho go di tsaya.
Mo dikgannyeng tse dingwe, mapodise ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe (39) wa kgotla ya Leina kwa Moiyabana, a neng a bona dikgobalo morago ga go leka go ikgapela botshelo, ka go itshela paraffin mo mmeleng le ngwana wa gagwe mme a itlhosetsa ka molelo.
O boletse fa a ne a thusiwa ke batho ba motse go mo tima molelo, mme a rogosediwa kwa kokelwaneng ya Moiyabana,mme a fetisediwa kwa Sekgoma Memorial Hospital mo Serowe.
Go bolelwa fa a sa ntse a alafiwa kwa sepateleng.
Rre Oteng o boletse fa ditlhotlhomiso di supa fa mme yoo, a ne a lebega a na le mathata le matshwenyego mangwe, a ba sepodise ba sa ntseng ba tlhotlhomisa gore ke a eng.
O boletse fa go shele dithoto tse di ka tshwarang madi a P2 000 mo ntlong e a neng a iphisetsa mo go yone.
Supt Oteng o gakolotse gore fa batho ba na le mathata, ba kope thuso mo go ba ba maleba gona le gore ba itseele ditshwetso tsa go ikgapela botshelo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 08 Feb 2022