Breaking News

Banana ba abela sekole

07 Feb 2022

Banana ba mokgatlho wa Rams Back to School kwa Ramokgonami, e rile bosheng ba abela sekole se se botlana sa motse oo, didirisiwa tsa go kwala.

Ba re dimpho tseo ke tsela nngwe ya go rotloetsa baithuti le barutabana go dira ka natla.

Modulasetilo wa Rams Back to School, Mme Otilia Seitlhamo a re ba bone go le maleba go dira seo, e le tsela nngwe ya go tsaa karolo mo thutong.

Mme Seitlhamo a re ba ne ba ikopanya go rulaganya moletlo wa Back to School o mo go one batsaa karolo ba neng ba rotloediwa go koleka didirisiwa di akaretsa dibuka, dipene le dipensele.

A re ba ne gape ba rekisa dijo kwa moletlong oo, mme ba kona go kokoanya madi a fetang P7 000.

Mogokgo wa sekole seo, Rre Macala Mbeji o ne a itumelela mpho eo, a re didirisiwa tseo di tla thusa go tokafatsa maduo a o sekole, a tlatsa ka gore, seo se tsamaelana le maikaelelo a lenaneo la Adopt-a-School.

Rre Mbeji o supile fa sekole sa gagwe se na le ya tlhaelo ya ditilo le ditafole, mo go ba amang thata ka nako ya ditlhatlhobo.

Mo godimo ga moo, o supile fa motse wa Ramokgonami o tshwanetse go agelwa sekole se sengwe se se botlana, ka sa gagwe se na le palo e e ntsi ya baithuti.

Fa a tswa la gagwe, Modulasetilo wa Khansele potlana ya Mahalapye, Rre Banthasetse Merementsi o ne a itumelela lenaneo la banana ba Ramokgonami, a re ba supa mowa wa boipelego.

O kopile baithuti le barutabana go dirisa didirisiwa tseo go ntsha maduo, a a itumedisang.

Fa a akgela mo mafokong a ga mogokgo, Rre Merementsi o ne a bolela fa ba itse ka letlhoko le sekolo se nang le lone.

A re e re ntswa letseno la madi a ga goromente le amilwe ke COVID-19 ba tlaa dira ka gotlhe gore ba kgone go le tsibogela mo ngwageng wa madi o o latelang.

Mokhanselara wa Ramokgonami, Rre Moilwa Moilwa, yo ebileng e le morotloetsi wa banana bao, a re o itumela thata go bona banana ba tsaa karolo mo go tlhabololeng thuto.

A re gape o itumelela tshwaragano e e ba kgontshitseng go dira tiro eo, mme a ba rotloetsa go tswelela ka mowa oo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Gracious Letsweletse

Location : Ramokgonami

Event : Kabo dimpho

Date : 07 Feb 2022