Banni ba kopiwa go nna pelotelele
07 Feb 2022
Modulasetilo wa khansele ya Kgatleng o tlhomamiseditse banni ba Mochudi le Bokaa fa ditlamelo di tlaa tokafala morago ga go amiwa ke go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19.
Rre Daniel Molokwe o buile se mo diphuthegong tsa kgotla tse a neng a di buisa kwa metseng eo bosheng. O ne a tlhalosa fa seemo se tlaa boela mannong ka bonya ka bonya.
Ka jalo, Rre Molokwe o ne a rotloetsa banni go nna pelotelele le go leta ka tsholofelo ya gore ditlamelo di tlaa goroga kwa go bone.
O supile fa tlhagogo ya bolwetse jwa COVID-19 e ne ya busetsa morago mananeo a ditlhabololo mo kgaolong ya Kgatleng ka bophara.
O tlhaloseditse banni ba Bokaa le dikgaolwana tsa kwa kgotleng ya Boseja legare le Boseja bokone mo Mochudi fa madi a ditlhabololo bo fokotsegile ka selekanyo se se kwa godimo.
A re bontsi jwa madi bo isitswe kwa go lwantsheng bolwetse le go tlamela Batswana ka dinako tse di thata tsa kiletso mesepele.
O ne a supa fa khansele e na le maikaelelo a go tla ka mananeo a a tlhabologileng a a ka e tsenyetsang madi a a botoka go ka dira ditlhabololo mo metseng e sa emele madi kwa pusong.
O tlhalositse fa go ikaega ka madi a a tswang kwa pusong go busetsa ditlhabololo kwa morago ka gore madi a teng a tswa morago ga lobaka gape a le mannye.
A re khansele e mo lenaneong la go itsise banni ka tse di dumalanweng go leka go tsenya letseno le le ka tsisang ditlhabololo le tshwana le go phutha madi ka metlhale e farologanyeng.
Kgosi ya motse wa Bokaa, Rre Sue Mosinyi o rotloeditse badirelapuso go direla setshaba ka botswapelo.
A re badirelapuso ba maoto a tshupa go gorosa ditlamelo kwa setshabeng, mme seo se tshwanetse sa fetoga ka jaana kanamo ya bolwetse jwa COVID-19 e ile kwa tlase.
A re go botlhokwa gore badirelapuso ba dirisanye le magosi le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse go leka go tokafatsa kanamiso ya mananeo mo motseng.
Fa a latlhela la gagwe, mokhanserala wa motse wa Bokaa, Rre Omphemetse Sebina o ngongoregile ka maduo a sekolo sa Borwa a a reng ga nametse ebile a kopa batsadi gore ba dirisanye le barutabana go leka go a tokafatsa.
Rre Sebina o ne a ngongorega gape ka lephata la kabo ditsha le a reng le tsaya nako e telele go ka araba dingongorego tsa batho.
Mogokgo wa sekolo sa Borwa, Mme Deborah Tlhowe o ne a tlhalosa fa maduo a a sa nametseng a bakiwa ke go tlhoka tsebe ga bana ba sekolo.
Mme Tlhowe o supile fa bana ba diiwa ke go dirisa ditagi le go sasankega morago ga sekolo, mme o ne a kopa batsadi go bua le bana ba bone go leka go ba tsenya mo tseleng.
Kwa Boseja legare, modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Morolong Legobo o ne a kopa khansele go ba thusa go diragatsa mananeo go dira madi, go ntshafadiwa ga kokelwana le go gokela metsi kwa matlong a boitiketso kwa sekolong se botlana sa Kgafela.
O kopile khansele go gokela dipone tsa mekgwatlha le go thusa ka madi a a ka tlhabololang ditsha tsa VDC.
Banni ba kgaolwana eo ba kopile khansele go tokafatsa ditsela tse di tsenang mo mekgwatlheng, le go dira metshelakgabo ga mmogo le go tsenya ditirelo tsa kgopho metsi a a leswe ka jaana dijarata tsa bone di tshabelelwa ke go ema metsi ka dinako tsa dipula.
Modulasetilo wa kgaolwana ya Boseja Bokone, Rre Joseph Seipei le ene o kopile khansele go thusa ka madi a ka tlhabololang ditsha tse pedi tsa bonno tsa VDC, masimo, kokelwana le sekolo.
Banni ba kgaolwna eo, ba ikuetse mo khanseleng go baakanya ditsela tse e rileng fa di kgopiwa tsa dira gore metsi a seke a laolesega mme a ba tsenelela mo dijarateng, ka dinako tsa dipula. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Rhosaliah Moseki
Location : Mochudi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 07 Feb 2022