Tsabana wa Food Botswana o babalesegile
06 Feb 2022
Mogolwane wa khamphani ya dijo ya Food Botswana, Rre Oaitse Goitsemang a re dijo tse di dirwang ke khamphani eo, di babalesegile ebile di siametse go jewa.
Fa a bua kwa phuthegong ya kgotla kwa Mogorosi, e maikaelelo a yone e neng e le go itsise banni ka dikgaisano tsa motshameko wa kgwele ya dinao o o tlaa tshwarwang kwa motseng oo, Rre Goitsemang a re go na le ngongora mo Batswaneng mabapi le Tsabana le Tsabotlhe, tse di phakisiwang bana kwa dikokelong le dikokelwana, ba supa fa di na le sengwe se se setlhokwana.
A re morago ga dikgang tse, o ne a tsiboga e le mogolwane wa Food Botswana mme a kopana le boeteledipele jwa lephata la dikgaolo le thabololo magae, go kopa go thusiwa go batlisisa gore dijo tse di babang ke tse di dirilweng ke khamphani efe.
Rre Goitsemang o tlhalositse fa dikhamphani di le pedi tse di filweng boikarabelo jwa go abela setshaba Tsabana le Tsabotlhe e le khamphani ya Food Botswana le e nngwe.
O ne a tlhalosa fa bobedi jo, bo kgaogantswe ka dikgaolo.
Rre Goitsemang o tlhalositse fa Tsabana yo o botlhoko e se wa Food Botswana a ba a supa fa se se itshupile mo ditlhatlhobong tse di neng tsa dirwa morago ga go tlhagoga ga magatwe mo maranyaneng a gore go na le tsabana yo o botlhoko.
Rre Goitsemang o kopile setshaba go itlwaetsa go leba dijo tse ba di filweng mo khoneng ya kgetsi, go leba malatsi a gore dijo di dirilwe leng le sekano sa gore di dirilwe ke khamphani efe.
O boletse fa go dira jalo go ka thusa go farologanya dijo, le go bona gore mathata a tswa kae ka bofefo.
Mo go tse dingwe, Rre Goitsemang o rotloeditse balemi go dira ka natla go ntsha dijo tsa maemo a ntlha.
A re Food Botswana ke nngwe ya dikhamphani tse di rekang ka ditlhwathwa tse di botoka ebile dipoelo di farologanngwa ke boleng jwa dijo.
O boletse fa ba reka mmidi bokete jwa tonne ka P3 000. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Ookeditse Kamogelo
Location : Mogorosi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 06 Feb 2022