Banana ba iteela mopalamente legofi
06 Feb 2022
Banana ba kgaolo ya Serowe Borwa ba lebogetse thuso ya lefatshe le ba le adimilweng ke mopalamente wa bone Rre Leepetswe Lesedi, bogolo jang ka ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tsa lefatshe le metsi fa ba ikopela mananeo.
Banana ba ntshitse malebo a kwa bokopanong jwa bone le mopalamente Rre Lesedi ka Matlhatso, jo moono wa jone e neng e le go tla go buisanya gore ba tlaabo ba dira eng ka tshimo e ba e adimilweng.
Tshimo eo ya selekanyo sa 42 hectares e ageletswe, e na le sediba le motlakase.
Mongwe wa banana Mme Lefika Ramogasu o ne a supa fa ba na le kgwetlho e tona ya lefatshe le metsi mme a na le tsholofelo ya gore ba tlaa atlega ka a na le maikaelelo a go lema.
O ne a supa fa mogopolo o mopalamente wa bone a o ntshitseng o le montle fela thata, a solofetsa fa ba tlaa o tsaya ka tlhwaafalo.
Le fa go ntse jalo mopalamente wa bone Rre Lesedi o ne a supa fa a adima banana bontlha jwa tshimo ya gagwe e le ene a e dirisang go rua le go lema e bile a na le tsholofelo ya gore ba tlaa ikitaya sehuba gore ba kgone go itshetsa.
A re banana ba lebanywe ke dikgwetlho di tshwana le letlhoko la ditiro le lefatshe ka jalo o ne a tsaya tshwetso gore ka a sa dirise bontlha bongwe jwa tshimo ya gagwe a bo neele banana ba itshetse ka go lema le gone go rua.
A re lefatshe leo ga le a tlhabololwa mme le kgaogantswe ka jalo bontlha bongwe ba ka bo dirisa go rua fa bontlha bongwe e ka nna go lema mme ba ka ikgaoganya ka ditlhopha.
O supile fa dithuso tseo a di fa banana ntleng le dituelo dipe a ba a supa fa a sa amanye dithuso tseo le selekanyo sa gagwe se a tla a nnang mopalamente, a re o tlaa netefatsa gore ba ba boneng dithuso ba tswelele dingwaganyana go fitlhela ba bona lefatshe le ba ka direlang mo go lone mme e re ba tswa ba neele ba bangwe sebaka.
Rre Lesedi a re o na le tsholofelo ya gore e tlaa re banana bao ba sena go itira ditlhopha ba bone dithuso tsa madi mo makalaneng a a itebagantseng le go ba thusa mme ba kgone go dira tse ba bonang di ka ba tshetsa.
O ne a rotloetsa banana bao go tsaya tshono e a e ba fang ka tlhwaafalo le gone go fema go kgoba ba ba nang le keletso marapo.
Mopalamente o ne a supa fa se e le maiteko a gagwe go ba thusa, ka jalo a re ba tshwanetse ba supe gore ba ne ba tlhoka thuso eo.
Rre Brian Tlholego yo o direlang kwa ofising ya mopalamente wa Serowe Borwa mme a itebagantse le banana o ne a kopa banana bao go sa tseeng kgang ya thuso e ka tsela nngwe mme ba e lebe ka leitlho la gore ke thuso e e ntshitsweng gore ba bone dithuso tse ba ntseng ba di tlhoka.
O ne a kopa banana bao go tla kwa ofising ya mopalamente fa ba batla thuso e e itebagantseng le tse di ba amang di tshwana le go kopa dithuso kwa makalaneng a tshwana le a LEA, CEDA, YDF le tse dingwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Mogorosi
Event : Bokopano
Date : 06 Feb 2022