Breaking News

Puso e tsosolosa thuo ya dihutshane

06 Feb 2022

Mogokaganyi wa Lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo wa kgaolo ya Legare Rre Obed Mabutha a re puso e e tlamile go tokafatsa mhama wa thuo ya dihutshane mo Botswana go nna tsa boleng jo bo kwa godimo le gone go phadisanya le tsa mahatshe a mangwe.

Rre Mabutha o buile jalo kwa phuthegong ya batsaya karolo mo thuong ya mhama ya dihutshane  kwa Palaye bosheng. E ne e ele phuthego ya boraro.

A re maikaelelo a diphuthego tse ke go nonontsha mhama wa dihutshane go tshwana le wa diteemane, Bojanala e e leng botlhokwa mo lefatsheng la Botswana.

Rre Mabutha a re mhama wa dihutshane o a tlhabololwa ka e le nngwe ya tse lefatshe leno le  dihumile, mme e bile di le bogadi bo gaufi ebile di ka tokafatsa botshelo jwa Motswana.   

A re lenaneo la go tsosolosa thuo ya dihutshane le lone jaaka a mangwe le amilwe ke segajaja sa COVID-19 fela thata.

A re ba simolotse lenaneo morago ka 2020 ka ntlha ya dikgwetlho, mme ga nna le tiego ya ditiro tse ba tshawanelwang ke go di diragatsa go nonotsha lenaneo le mo dikgaolong.

Rre Mabutha a re maikaelelo a phuthego e ke go tla go tlhalosetsa barui ka di tse di fitlheletsweng ke bana-le-seabe ba mhama o, le basekaseki ba ba neng ba filwe tiro ya go loga maano go tlhabololo mhama.

A re ditiro tse di agilwe gore di tokafatse kgwebo ya mhama wa dihutshane le ba tsaya karolo mo thuong e, jaaka mathabelo, madirelo a ditswa dihutshane jaaka baji le ba madirelo a tshwana a ba ba dirang ka matlalo mo go tse dingwe.

Komiti ya barui ba dihutshane lefatshe ka bophara ba tshwaraganye le Lephata la Tlhabololo Temo-thuo le Tlhomamiso Dijo  ba  thusiwa ke ba International Fund for Agriculture Development go tlhabolola mhama wa thuo ya dihutshane.   

Rre Mabutha a re kgang ya kabo ya lefatshe la dipolase e thata ka jaana go dirwa kopo ya kgwebo, e  mo bogompienong e itebagantseng le thuo ya dikgomo.  

Mo nakong eno ga gona lefatshe le le segetsweng thuo ya dihutshane, ntswa e tlhoka lefatshe le le bulegileng.  

Keletso ya barui ba dihutshane ke gore ba kabo ditsha ba sege dipolase tsa thuo ya dihutshane.

A re badirela puso ba ba kwa dikgaolong ba ba thusang barui ba a tlhaela mme ba leka ka bojotlhe gore ba akaretse dikgaolo tsa bone, a tlatsa ka gore fa go nang le tlhaelo ba thapa babereki ba nakwana.

O ne a rotloetsa barui go tlhabolola thuo ee gore e nne kgwebo e e nang le di poelo.

Mongwe wa lekoko Rre Tsaone Thobela a re maikaelelo a lenaneo le ke go tswa ka maano a a ka tsisang diphetogo mo mhameng wa dihutshane .

Rre Thobela a re ba dirile ditogamaano tsa go sekaseka tse di ka dirwang mabapile le dikgwetlho kana dikgoreletsi mo mhameng wa dihutshane.

A re ba ne ba itebagantse le ditsetlana tse tharo e bong koketsego ya letsalo, gore mmaraka o dira jang le kemo nokeng ya puso .

Tautona wa lekgotla la barui ba dihutshane lefatshe ka Bophara (Smallstock Industry Federation of Botswana) Dr Ontiritse Tau a re makgotla a barui ba ba ikopantseng a botlhokwa mo go tlhabololeng thuo ya dihutshane.

Dr Tau a re ba batla makgotla a a nonofileng le maloko a a tlhaga go godisa mhama wa dihutshane.

Mongwe wa barui wa kgaolo ya Tonota Rre Goitseone Gafhiwe a re batho ba fiwa mananeo a puso ba sena kitso ee lekaneng.

A re temo-thuo e batla motho yo o e tlhaloganyang gape a na le lorato mo go yone, le ditlamelo di tshwana metsi le lefatshe.

Fa a leboga, mothusa mogolwane wa Lephata la temothuo wa kgaolo ya legare Rre Kenneth Mabote o rotloeditse barui go tsaya thuo ya dihutshane ka tlhwaafalo.

O ba rotloeditse go se ikgagapelele, mme ba ithute go amogana dithuto kanadi kitso tse ba nang le tsone.

A re puso e itlamile go thusa balemi barui ka di tlhophana tsa bone gammogo le go tsosolosa mhama wa dihutshane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Phuthego

Date : 06 Feb 2022