Mhama wa thuo o botlhokwa mo itsholelong
06 Feb 2022
Mogokaganyi mo lephateng la tlhabololo temo-thuo le tlhomamiso dijo a re mhama wa thuo ya dikgomo o botlhokwa mo go godiseng itsholelo.
Rre Obed Mabutha o buile se mo phuthegong mo Palapye bosheng go simolodisa mhama wa thuo ya dikgomo (beef cluster) go itebaganya le go tokafatsa boleng jwa nama.
Rre Mabutha o tlhalositse fa maikaelelo a phuthego eo e ne e le go abelana dikitso le megopolo ka fa mhama wa thuo ya dikgomo o ka tlhabololwang ka teng.
O tlhalositse fa mhama wa thuo ya dikgomo o le botlhokwa mo maitekong a go godisa dikgwebo tsa nama le go tokafatsa boleng jwa yone.
Le fa go ntse jalo, a re mhama oo, o tlhomilwe ka ngwaga wa 2018 ka maikaelelo a go nonotsha le go godisa theko le thekiso ya nama mo Botswana.
A re phuthego eo e ne gape e rulaganyeditswe go amogana dikitso le bana-le-seabe e e ka dirisiwang go tlhabolola dikgwebo gore di nne mo seemong se se nametsang.
Mongwe wa lekoko le le tlhomilweng go dira togamaano (strategy) ya mhama wa thuo ya dikgomo, Rre Aubrey Thupe a re maikaelelo a bone ke go rutuntsha baruakgomo ka tse ba ka di dirang go tokafatsa dikgwebo tsa bone.
A re gape ba amogana dikitso ka dikgang tsa mmaraka le gore ba ka o bona jang mo dinakong tsa gompieno, bogolo jang mo nakong ya bolwetse jwa COVID-19.
Rre Thupe a re ba rotloetsa le go godisa mhama wa baruakgomo go dira dikgwebo tsa maemo a a kwa godimo.
Mo go la gagwe, mogolwane mo lephateng la matlhoko a leruo, Rre Joseph Modo a re bontsi jwa leruo mo Botswana le mo mafulong a a kopanetsweng, a le one a supang a setse a babaletswe e bile a le mosuke.
Rre Modo a re ka lenaneo la go godisa ditlhophana tse, ba rotloetsa baruakgomo go ruela kgwebo e e nang le maduo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Palapye
Event : Phuthego
Date : 06 Feb 2022