Ba botsogo ba tokafatsa ditirelo
06 Feb 2022
Mothusa Tona wa Botsogo le Boitekanelo, Rre Setlhomo Lelatisitswe a re balwetse ba rulaganyeditswe go ka tsaa melemo kwa dingakeng tse di ikemetseng.
Fa a tlhalosetsa sechaba ka seemo sa tlhaelo ya melemo le tse lephata le di dirang go rabolola seemo ka Labone, Rre Lelatisitswe o tlhalositse fa melemo e e kwa mabeelong a Central Medical Stores e le mo selekanyong se se kwa tlase, sa bone mo lesomeng.
A re Central Medical Stores e itemogetse kamogelo e e kwa tlase ya melemo mengwe ka go ne go le thata go reka ka nako ya kiletso mesepele ya COVID-19, a tlatsa ka gore melemo mengwe e ne e fedile kwa madirelong le marekisetsong.
Rre Lelatisitswe a re o dumela fa tlhaelo eo, e ka baa matshelo a balwetse mo diphatseng, a tlatsa ka gore lefatshe leno le tshwanetse go nna le ditlamelo tse di lekaneng go thusa batho.
A re lephata la botsogo le dira gotlhe go leka go baakanya seemo, le go potlakisa lenaneo la kabo ya melemo ya malwetse a a sa alafesegeng kwa dingakeng tse di ikemetseng.
A re balwetse ba ba ntseng ba fiwa melemo ya malwetse a a sa alafesegeng kwa dikokelong tsa mmuso, mme e seyo, jaanong ba ka e tsaya kwa dingakeng tse di ikemetseng.
A re puso e tla dirisana le dingaka tse di ikemetseng gore balwetse ba kgone go thusiwa ka melemo.
Rre Lelatisitswe a re ba tlaa netefatsa gore melemo e nna teng kwa dikokelong tsa kgaolo, mo mafelong a a senang dingaka tse di ikemetseng.
O tlhalositse fa mo nakong eno, lenaneo le ntse le lekelediwa kwa Francistown le Greater Gaborone, a tlatsa ka gore le tlaa anamisiwa kwa metseng e mengwe e supa ka Mopitlo.
A re banni ba Molepolole ba tlaa simolola go akola lenaneo leo beke e e tlang.
Mo dikgannyeng tse dingwe, mothusa tona a re ba kgothatsa babatlisisi go fefogela go dira dipatlisiso tsa go dira melemo, bogolo jang ka melemo ka bontsi e sa dirwe mo lefatsheng leno.
O kopile batho gore ba seka ba dirisa melemo e ba sa e tseeng ko go ba bongaka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : Gaborone
Event : Tekodiso
Date : 06 Feb 2022