Food Botswana e rotloetsa kgwele ya dinao
03 Feb 2022
Modulasetilo wa Central North Regional Football Association Rre Rebasikwa Mothoagae a re ntswa metse e e mo kgaolong ya bone e le mennye, o motlotlo ka e kgonne go ntsha batshameki ba tlhwatlhwa ba ba tshamekelang ditlhopha tse ditona.
A re go na le batshameki ba le mokawana ba ba tshamekang kwa ditlhopheng tse ditona di tshwana le Township Rollers, Jwaneng Galaxy, BDF XI, Police XI, le setlhopha sa setshaba sa Zebras.
O buile se kwa phuthegong ya kgotla ka bosheng kwa Serowe A re maikaelelo a phuthego e ne e le e le go itsise banni ba Mogorosi ka letsatsi la dikgaisanyo tsa kgwele ya dinao kwa motseng wa Mogorosi go simolola kgwedi eno e tlhola malatsi a le lesome le bobedi go fitlha e le lesome le boraro.
Dikgaisanyo tse di tla abo di rotloediwa ke ba Food Botswana ka madi a a kana ka P30 000.
Metshameko e, e nang le dingwaga di le nne di ntse di rotloediwa ke ba Food Botswana e tlaa bo e akaretsa ditlhopha di le lesome tsa borre, le ditlhopha di le nne tsa bomme mme tsotlhe di tswa kwa metseng e e farologaneng e e ka fa tlase ga central north region.
Modulasetilo a re ka jalo ba bone go tshwanela gore ba ise kgwele ya dinao kwa banni ba metse e e bapileng le wa Serowe gore le bone ba itemogele mosola wa yone.
A re kwa dikgaisanyong tseo, bagolo ba tla a tsena ka P20 fa bana ba tla a tsena P10.
O tsweletse a supa fa dikgaisanyo di tlaa fa banni ba Mogorosi le metse e e mabapi tshono ya gore ba rekise tse ba ka di rekisang di tshwana le dijo go itirela letseno.
Rre Mothoagae o ne a supa fa kgwele ya dinao e fetola matshelo a le mantsi e bile ba akola moputso wa yone.
O supile fa mo kgaolong ya central north region batshameki ba le sekete ba setse ba tsentswe mo maranyaneng mme mo go bone ba feta sephatlo ba setse ba itshetsa ka kgwele ya dinao.
Modulasetilo o tsweletse a re kgaolo ya gagwe e na le ditlhopha tse dibotlana tsa bana di le mokawana go ya ka go kgaoganngwa ga tsone mme di thusa go ntsha bana mo mekgwatlheng le gone go fokotsa botlhokatsebe mme bana ba ba setseng ba kwadisitswe ba le 1 846.
Rre Mothoagae a re batsamaisa metshameko ba le masome a mabedi le bongwe mo kgaolong ya gagwe mme mo go bone bomme ba le batlhano.
A re kgaolo ya gagwe e ntshitse mme a le mongwe wa mokatisi mme a tlhomamisiwa gore a tsamaise metshameko ya FIFA le ya CAF.
Ka jalo Rre Mothoagae o ne a re kgwele ya dinao e na le seabe mo itsholelong ya lefatshe ka jalo e tshwanetse e tlhoafelelwe.
Fa a bua kwa phuthegong eo, mogolwane go tswa kwa Food Botswana Rre Oaitse Goitsemang o ne a supa fa a itlama gore ngwaga le ngwaga madi a a rotloetsang ditlhopha tseo a nne teng kana a oketsege.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Phuthego
Date : 03 Feb 2022