Banni ba lela ka tlhaelo ya metsi
03 Feb 2022
Mopalamente wa kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang o kopile banni go tsaya karolo mo tshekatshekong ya molao motheo le palo batho tse di tla tshwarwang ngwaga ono.
Fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Tumasera/Seleka bosheng, Dr Gobotswang a re Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tlhomile lekoko go sekaseka molao motheo, le a supileng fa le setse le simolotse tiro.
Ka jalo o kopile ba kgaolo ya Sefhare/Ramokgonami go nna le seabe fa lekoko le goroga mo kgaolong.
Mo godimo ga moo Dr Gobotswang o tlhaloseditse banni gape ka palo batho e e tla tshwarwang ngwaga ono.
Mo dikgannyeng tsa thuto, Dr Gobotswang,o kgothaditse batsadi le barutabana go kopanela kgang ya maduo a ileng tlase a lekwalo la bosupa a kgaolo.
Fa ba mo kgwa dikgaba, banni ba lela ka tlhaelo ya metsi. Ba tlhalositse gore fa e sa le kgwedi ya Lwetse ngwaga oo fetileng ba sokola go bona metsi, fa dikgotleng tse dingwe a sa tswe gotlhelele.
Banni ne ba lela gape ka seemo sa motsamao wa metsi a pula kwa metseng eo, ba re fa dipula di nele bana bangwe ga ba kgone go ya dikoleng.
Ba ne ba kopa gore ba direlwe ditsela tse di fa gare ga motse go hema seemo se sa metsi le motlhaba.
Mongwe wa banni, Rre Koketso Seloi wa Seleka a re gona le dikgotla dingwe tse metsi a sa gorogeng, gape a le kgakala le ko go beilweng ditanka tse di gelelelwang go thusa seemo sa metsi.
Rre Seloi o supile letshwenyego la metsi a pula a re fa dipula di nele gago tsamaege morago ditsela di sale di thibilwe ke motlhaba.
Mo go tse dingwe Rre Seloi o ne a lela ka modumo oo diragalang kwa Seleka o areng ke o ne o gakatsang kwelo tlase ya maduo ka o itaya bana tsebe.
Mme Ntebogang Morebodi wa Seleka a re kgotla ya bone ya sedibana ga ena metsi mme e bile ba kgakala le ditanka tsa tse ditshelwang metsi. Rre Mabina Phuthego wa Tumasera le ene o boletse fa ba itemogela tlhaelo ya metsi ko motseng wa bone.
Kgosi wa Tumasera kgosi Kelapile Moleele a re ba tlhasetswe ke dipula tse di tswetseng ditsela ka motlhaba.O ne a supa letshwenyego la batho ba ba sa obameleng melawana ya COVID 19 wa go ikgapha fa ba tshwerwe ka mogare.
Fa a leboga Mokhanselara wa Tumasera/Seleka Rre Tumisang Batwaetse o ne a ba leboga go bo ba mo tlhophile. A re o solofela go bereka mmogo go tlhabolola kgaolo ya Tumasera/Seleka. O ne a leboga mopalamente go tla go utwa matshwenyego a bone gore a ise palamenteng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : TUMASERA/SELEKA
Event : Phuthego
Date : 03 Feb 2022