Breaking News

Seboko se jesetsa balemi mo kgobedung

03 Feb 2022

 Balemi bangwe ba masimo a a bapileng le Tshimoyapula kwa kgaolong ya Serowe Bokone, ba lela ka sebokwana se se ba jelang dijwalo, bogolo jang mmidi.

 

Fa a bua mo potsolotsong, molemi wa monana, Rre Khumoetsile Remolwetse wa dingwaga tse di masome mararo, e re ka dipula e ne e le tse dinamagadi ngwaga ono, dijwalo tsa gagwe di ne di kgatlhisa, sebe sa phiri ya nna seboko se go lebegang se tlaa di itsa go baya sentle.

 

 A re o leka ka gotlhe go bolaya diji a dirisa ditshefi fa bangwe ba supa fa ‘doom’ le yone e ka thusa.

 

Mo godimo ga diji, a re o tshwenngwa ke magodu a a tlhagelang mo tshimong, a tlhalosa fa e ne yare bosheng, ba utswa dipitse tsa gagwe di le pedi mme le gompieno a iseng a bone motlhala wa tsone.

Rre  Remolwetse boletse fa a simolotse a lema merogo e a neng a e nosetsa ka gona le sediba mo tshimong.

 

A re merogo e ne e le yone a itshetsang ka yone morago ga go tlhoka go atlega mo mananeo a a thusang banana a puso. Rre Remolwetse a re monongwaga, o ne a tsaya tshwetso ya go lema temo ya komelelo, a lema mabele, mmidi, maphutshe, dinawa le losika lwa magapu.

 

  Mo go tse dingwe, Rre Remolwetse o supile gore fa a seo magodu a tsena  ntlong ya gagwe  ba utswa dijo. 

 

Molemi yo mongwe, Rre Moanatsela Gareonne a re seboko se, se a ba tlhorontsha mme a supa fa mo tshimong ya gagwe a esi a ele tlhoko mme a belaela fa se ka tswa se le teng.

 

Balemi ba bangwe le bone mo kgaolong ya Tshimoyapula ba boletse fa diji ka go farologana di ba apesitse kobo ka letshoba. Ba boletse fa diphologolo tsa naga jaaka mebutla, ditholo, diphuti le masogo di ba tlhorontsha mme go batla molemi a le gaufi le masimo a gagwe.

 

Ba gakolotse balemi go ba leta ko masimong a bone go tlhomamisa tlhokomelo e seng go iphirisa mo Ipelegeng ba tlogetse masimo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : TSHIMOYAPULA,

Event : Polelo

Date : 03 Feb 2022