Breaking News

Monna o shetse mo ntlong

02 Feb 2022

Mookamela mapodise a Mochudi, 

Superintendent Smash Mokoba a re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe a shetseng mo ntlong kwa masimong a Tshukudu kwa kgaolong ya Kgatleng. 

Supt Mokoba o tlhaloseditse gore kotsi e diragetse ka nako ya bobedi mosong ka Matlhatso.

 

A re rre yoo, wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe o ne a ragosediwa kwa kokelong ya Deborah Retief Memorial, kwa go fetileng ga rurifadiwa fa a tlhokafetse.

 

O supile fa moswi a nnile le dikgobalo tse di masisi mme a santse a le kwa setsidifatsing go tlhatlhojwa ke ngaka. A re ditlhotlhomiso tsa mapodise di santse di tsweletse go tlhotlhomisa gore molelo o katswa o bakilwe ke eng mme a gakolola setshaba go rurifatsa gore dipone tsa parafene kgotsa dikerese di timilwe nako le nako fa di se mo tirisong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Sandra Sethaiso

Location : Gaborone

Event : Kotsi

Date : 02 Feb 2022