Breaking News

Mme Masisi o eleletsa letsholo katlego

02 Feb 2022

Mohumagadi wa ga Tautona, Neo Masisi a re keletso ke go bona letsholo la go ema kgatlhanong le kgokgontsho ya bong le tiriso botlhaswa ya bana le atlegile.

Fa a buisa dikgosi le baeteledipele kwa Ghanzi ka Labobedi, Mme Masisi o tlhalositse fa go atlega ga letsholo le e le go bona dipalo tsa kgokgontsho ya bong le bana di wetse tlase fela thata.

A re ka dikgosi ele pinagare ya morafe le tsamaiso setshaba, seabe sa bone mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong le bana se le botlhokwa.

Mme Masisi a re dipalo tsa kgokgonthso di tshwanetse tsa papamadiwa, le dikgosi di dineelwe gore ba itsise setshaba gore le sone se itse. 

Mme Masisi, o supile fa kgokgontsho e sa ame fela ba ba kgokgontshiwang, mme  e ama le malawapa kgotsa masika ebile e busetsa lefatshe kwa morago.

O ne a gatelela gore setshaba ka kakaretso se tshwanetse sa nna le maitlamo a go fedisa kgokgontsho. Mme Masisi o tlhalositse gore itsholelo e e sa lekanekaneng mo gare ga  baratani kana banyalani e kgona  go kuketsa kgokgontsho. O ne a supa fa go le botlhokwa gore go sekwasekwa ditsamaiso tse di rotloetsang tekatekano le dingwao kgotsa ditsamaiso tse di ka rotloetsang kgokgontho.

Mme Masisi a re nyenyefatso le go nyatsa motho wa mme le gone go rotloetsa kgokgotsho. Mo godimo ga moo Mme Masisi a re setshaba ka kakaretso se tshwanetse sa nna le kitso ka kgokgontsho ebile go bipa mpa aka mabele go tshwanetse go ema. O ne a gatelela botlhokwa ja go sireletsa bana le bogole le masiela ka tsela e faphegileng ka le bone ba amiwa ke kgokgontsho.

Fa Kgosi Mbao Kahiko II wa Charleshill a ne a ntsha mogopolo wa gore go sekasekiwe dingwao le ditsamaiso tse di rotloetsang kgokgontho.

O ne gape a kopa puso go rutuntsha dikgosi ka botlalo ka melao ee amang kgokgontsho-gore banne le kitso e tsenelentseng mme banne mo seemong se se siameng go lwantsha kgokgontsho

Mothusa kgosi ya Ghanzi, Mme Annah Rankho o ne a supa fa kago ya malwapa a a tiileng e ka fokotsa kgokgontsho , a supa fa malwapa a reketlang a ka gakatsa kgokgontsho.

A re fa dikomiti tsa metse tse di lebaganeng le go sireletsa bana di ka nonotshiwa, kgokgontsho ya bana e ka fokotsega. Fa a ntsha la gagwe, Mopalamente wa Ghanzi Bokoni,Rre John Thiite a re fa bomme ba ka thusiwa ka itsholelo, kgokgontsho eka wela tlase ka gore batla ba bo basa tlhole ba ikaegile ka bo rre. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mothusi Galekhutle

Location : Ghanzi

Event : Puisanyo

Date : 02 Feb 2022