Dikgang tsa lefatshe di batla go potlakelwa
02 Feb 2022
Dikgang tsa lefatshe kwa Ledumadumane mo kgaolong ya Mogoditshane di tlhoka tharabololo ya potlako ebile ele ya sennela ruri go fa ba ba amegang sebaka sa go thabolola matshelo a bone.
Se se builwe ke tona wa lephata la tsamaiso merero ya lefatshe, metsi le ditirelo tsa kgopho leswe, Rre Kefentse Mzwinila fa a ne laela lekgotla la kabo ditsha la kgaolo ya Kweneng le tshwaragane le komiti ya motse e tlhophetsweng dikgang tsa lefatshe kwa kgaolwaneng ya Ledumadumane go fefogela tharabololo ya dikgang tseo.
O laetse bobedi jo go begela ofisi ya gagwe ka tswelelopele ya dikgang tse ka Tlhakole a le masome mabedi le botlhano..
Tona Mzwinila yo aneng a tshwaraganetse phuthego le mopalamente wa Mogoditshane, Rre Tumiso Rakgare o laetse gore batho ba ba neng ba bewa ka thulaganyo e haphegileng ya “Mpeela Ngwana” morago ga go tsewa ga masimo a batsadi ba bone ba bewe ditsha jaaka ene ele tumalano babo ba neelwa ditlankana tsa ditsha pele kgwedi ya Tlhakolole e fela.
O kopile komiti e eneng e tlhophilwe go thusana le ba kabo ditsha go seka seka thulaganyo eo, go fitlhelela tlharabololo ya dikgang tsa lefatshe kwa ledumadumane e wela.
Taelo ya ga tona e sala morago matshwenyego a batho ba kgaolo eo a ileng magoletsa, a dikgang tsa lefatshe kwa Mogoditshane tsa magatwe a go dira dilo ka tshokamo ke lekgotlana la kabo ditsha.
Rre Mzwinila, yo ebileng ele mopalamenete yoo itlhophetsweng, a amogela fa ofisi ya gagwe e itse ka dikgang tsa tsamaiso e sokameng ya go abiwa ga lefatshe kwa Mogoditshane mme a solofetsa fa ba ya go dira gotlhe go netefatsa gore ba ba amegang ba amogwa ditsha tseo ka thulaganyo ya molao.
Tona o solofeditse fa aya go rulaganya gore ba DCEC go simola Mosupologo a le masome a mararo le bongwe (Monday 31) ba simolole go dupa matshwenyego a morafe ka dikgang tsa dipeo tse di dirilweng ke ba Mogoditshane Sub land board morago ga 2000 go tlogetswe kwa morago dikopo tsa gotswa ka 1993.
Tona o ne a buwa jalo go tsibogela boikuelo ja monni, Rre Phikisani Gaolathe ka tiego ya go aba ditsha ke ba Mogoditshane.
A re morago ga go ikanisa batho ba dikopo tsa 1993, dipeo di tsweletse tsa dikopo tsa bo 2000 di ba tlogetswe kwa morago.
Le fa go ntse jalo Mopalamente Rre Tumiso Rakgare o ne a re dikgato di tsewe e seka ya nna puo ya molomo fela gore seo e nne thuto mo go ba le bantsi ba ba inaakantseng le masula ao.
Matshwenyego a batho ba ledumadumane a ne a itebagantse thata le dikgang tse di dikaganyeditseng peo ya lefatshe le bothata jwa metsi a bareng tlhaelo ya one e kwa godimo thata kwa kgaolong ya Mogoditshane.
Mabapi le bothata jwa tlhaelo ya metsi mo kgaolong ya borwa jwa lefatshe leno, tona Mzwinila o tlhomamisitse fa maiteko a tsweletse go fitlhelela tharabololo ya sennela ruri.
“Fela jaaka re kgonne go goga metsi go tswa bokone go goroga kwa Masama, re ya go tsena mo legatong lele latelang go kopela madi go a phatlalatsana mo dikgakgaolong dingwe tsa borwa, ka le gone ele tiro e tlhokang madi madi,” ga tlhalosa tona M.zwinila.
Modula setilo wa lekgotla la kabo ditsha la kgolo ya Kweneng, Rre Kgang Kgang o amogetse fa ele nnete lekgotla la gagwe le sa robalelwa ke ditlhokwa ka dikgang tsa tsamaiso e sokameng tsa lefatshe kwa kgaolong ya Mogoditshane.
Mokhanselara wa kgaolwana ya Ledumadumane West, Rre Kemiso Thom ene o kopile gore puso e emele ka dinao seemo sa tshenyetso setshaba go sa kgatlhalese gore se ama mang mo setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Ledumadumane
Event : Phuthego
Date : 02 Feb 2022