Breaking News

Mapodisi a tshwere babelaelwa

01 Feb 2022

Mapodisi a Kasane ba tshwere borre ba le babedi ba dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi go ya kwa go masome a mabedi le botlhano kwa kgotleng ya Kgaphamadi ba go belaelwang ba ne ba tsene kwa ntlong ya rre mongwe wa mosweu kwa Plateau mme ba mo tseela dithoto tse di lopang madi a kana ka P25 335.

 

Motshwarelela mookamela mapodisi a Kasane, Assistant Superintendent Othusitse Marape a re erile kgwedi eno e le lesome le botlhano, rre mongwe wa mosweu a tla go ikuela kwa go bone, a tlhalosa fa a ne a tsenelelwa mo ntlong ka nako ya borobabongwe bosigo ke bo rre ba le babedi ba tshwere garawe le tshipi e e kgaolang bojang mme ba mo thukutha dithoto tse di akaretsang diaparo le tlhobolo e e lopileng P20 000 ga reng ga tse dingwe.

 

Rre Marape a re mapodisi ba ne ba dira ditlhotlhomiso mme ka lesego ga nna le kgang e nngwe ya go utswiwa kwa Kazungula kwa kgotleng ya Flowertown mme bogodu jwa teng bo diragetse ka mofuta o o tshwanang le o o diragaletseng rre wa mosweu. A re mme yo o neng a thukuthiwa, o ne a kgona go lemoga mongwe wa babelaelwa.

 

Rre Marape a re erile kgwedi eno e le masome a mabedi le botlhano, ba sepodisi ba kgona go lemoga rre mongwe kwa Kgaphamadi ka fa a neng a kailwe ka teng mme ba mo tshwara go ya go dira ditlhotlhomiso.

kwa Plateau, ka ba itiretse setlhopha sa ntebele ke go lebele ka maranyane a Whatsapp, a re seo se ka fokotsa borukutlhi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kabelo Segafi

Location : Kasane

Event : Borukhutli

Date : 01 Feb 2022