Breaking News

Seemo sa ditsela se tshwenya banni

01 Feb 2022

Banni ba kgaolo ya botlhophi ya Tidimalo kwa Serowe ba lela ka ditsela tse di sa tsamaegeng, selo se ba reng se ba paledisa go fitlhelela ditirelo bogolo jang ka nako ya dipula.

Se se builwe ke modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Palagabedi Nare kwa phuthegong e e neng e buisiwa ke modulasetilo wa khansele potlana ya legare, Rre Lesedi Phuthego bosheng. Kgaolo ya Tidimalo e e mo Serowe bokone, e akaretse kgotla ya Konyana, Semane le Tshikinyega.

 

Rre Nare a re seemo se se tswa kgakala se ba tshwenya mme jaanong se bifela pele ka ditsela tse di tsweletse di senyegela pele ke dipula tse di nang.

A re se se ba ama fela thata ka jaana beng ba dipalamo tsa setshaba ba sa ba ise kwa ba felelang teng mme ba ba latlhela fela mo nageng ba tshaba gore ditsela tse di tlaa ba senyetsa dikoloi.

Modulasetilo a re komiti ya ditlhabololo tsa motse ga mmogo le bogogi jo bongwe ja motse jaaka dikgosi ba sala ba isa selelo sa bone kwa khanseleng mme ga go ise go lekane mo go se khansele e se dirang go thusa ka seemo se.

 

 A re maiteko a a nnileng teng ke go ala tsela ya ditena (pavement) mme fela se ga se a ka sa thusa ka mealo eo e ema metsi ka jalo go tlhoka tsela ya sekontere kgotsa go dirwa mesele e e tlaa ntshang metsi mo tseleng.

 

Rre Nare o ne a lebogela khansele ka maiteko a yone go leka go nolofatsa seemo sa letlhoko la ditsela ka ba ne ba dira tsela e e botoka e e yang kwa lebaleng la metshameko la Serowe.

 A re se se thusa fela thata ka batho ba kgona go ya teng go sena tshokolo bogolo jang ka nako ya mediro kgotsa metshameko e e tshwarelwang koo.

Fa a tswelela a fa pego ya komiti, Modulasetilo o tsweletse a re ba tshwenngwa ke digagabi tse di tsenang mo dikoleng tse di mo kgaolong ya bone e leng sa Semane Junior Secondary School le Masokola Primary School.

 

A re dikole tse di bapile le mantswe ka jalo digagabi di tla di kgokologa di tswa mo mantsweng, selo se se bayang matshelo a baithuti mo diphatseng mme o ne a kopa ba khansele gore ba fokotse dikgwa le ditlhare tse di dikaganyeditseng dikole tse.

 

Fa a mo kgwa dikgaba, moitsanape wa ditsela kwa khanseleng, Mme Senwelo Monamo a re mo nakong ya gompieno ba santse ba sekaseka motsamao wa metsi mo ditseleng gore ba tle ba dire mesele e e tla isang metsi kwa go tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tefo Rantaung

Location : Serowe

Event : Phuthego

Date : 01 Feb 2022