Breaking News

Ba Werda ba ganne go tlhopha kgosi

01 Feb 2022

Maiteko a banni ba Werda mo kgaolong ya Kgalagadi borwa a go tlhopha kgosi a iteile se fololetse ka Matlhatso morago ga gore bangwe ba ngongoregele melawana e e neng e dumalanwe go tsamaisa tlhopho ya kgosi ya motse ba supa fa melao mengwe mo teng e ne e tsuulula ditshwanelo tsa bomme.

 

Fa a ba rolela tshwetso e e tserweng mo letsatsing la Matlhatso le le neng le seegetswe go nna la tlhopho, motshwarelela molaodi wa Kgalagadi Rre Bigboy Mangwa o tlhaloseditse morafhe fa ofisi ya ga molaodi e amogetse ngongorego ya melawana eo morago ga gore banni bangwe ba motse wa Werda ba ikuele ko lekgotleng la ditshwanelo ba supa fa ba sa itumelele melao e ba e beilweng e le morafhe.

 

A re ba lekgotla leo ba ne ba kopana le bookamedi bogolo jwa makgotla a Setswana mme ba seka-seka melawana eo mme ka nnete ba lemoga fa melao mengwe e e dirilweng e kgetholola bomme. O ne a tlhalosa fa molao motheo wa Botswana, (section 15 sub section 1 go ya ko tsetlaneng ya boraro) o supa fa go sena ope yo o tshwanetseng go kgethololwa ka letso, semorafe, sepolotiki, mmala, tumelo kgotsa ka bong. Ka jalo ba ne ba amogela mokwalo go tswa ko ofisi kgolo ya lephata la makgotla a Setswana o o neng o gakolola gore go dirwe melawana ya go tlhopha kgosi sesha. A re lokwalo le amogetswe ka Labotlhano morago mme letsatsi la Matlhatso lone le ne le tlhometswe ditlhopho. 

 

Ka jalo o ne a kopa gore melao e e neng e dirilwe e baakanngwe a gatelela gore lefatshe leno le busiwa ka puso ya batho ka batho ka jalo yo o ngongoregang a tshwanetse go reediwa go baakanya se se diragetseng.  O gakolotse banni ba motse wa Werda gore tiro ya Kgosi ke go letlanya morafe go tlhomamisa gore go na le kagiso, go thibela medumo kana dikgogakgogano tse di ka thubang motse, go agisanya banni gore go rene kutlwano motseng. Ka jalo o tlhalositse fa go tlhoma kgosi go tshwanetse ga elwa tlhoko gore ga go nne diphapaang mo motseng ka Kgosi fa a sa bewa sentle go ka tsoga mekubukubu mo motseng.

 

Motshwarelela Kgosi wa Werda Kgosi David Megano o ne a lebogela banni go tla phuthegong ka makatlanamane go tla go diragatsa tshwanelo ya bone. O ba kopile go dira tiro eo ka manotlhotlho a a ko godimo. A re bogosi ke tiro e e masisi e e sa tshwanelang go potlakelwa fa go tlhophiwa Kgosi, mme fa go buiwa go tshwanetse ga siselwa mafoko go nne le neelanoModulasetilo wa komiti e e beilweng go tsamaisa merero ya bogosi ya go tlhopha kgosi ya motse oo, Rre Oduetse Gaboitaolelwe a re ba simolotse go thuba lobelo la go rulaganyetsa go tlhopha kgosi ka kgwedi ya Ngwanatsele ngogola. Ba dumalane melawana e e tlaa dirisiwang ka jalo ba ne ba solofetse go tsena mo logatong la bofelo go tlhopha Kgosi mme jaanong seo se fetogile ka ba tshwanela ke go ikgata motlhala go baakanya se lekgotla se e ngongoregelwang.

 

Melawana eo e e neng e dumalanwe ke lekgotla mme e tshwanelwa ke go baakanngwa e ne e supa fa go ka tlhopha hela batho ba ba dingwaga tse di lesome le bofebongwe go ya ko godimo, dingwetsi, bomme ba ba duleng mo lenyalong mme ba boetse gae, fa ba ba nyetsweng ko metseng e mengwe bone ba sa letlelelwe, le baagedi ba ba nang le dingwaga tse tlhano.

Fa a tswa la gagwe Mme Moratinyana Wetshootsile o lebogetse kgato e e tswerweng a supa gore molao oo o ne o ba hutsafaditse fela thata e le bomme. Mme o lebogela gore lekgotla la Ditshwanelo go emela bomme gore ba kgone go itlhophela kgosi. Rre Ogorogile Batshomi o ne a kopa gore go salwe molao motheo morago go na le go dirisa melawana e e ipeetsweng ke morafe.

 

Fa a araba dikakgelo tsa morafhe Rre Mangwa o ne a tlhalosa fa, ‘lepotlapotla le ja pholwana mme modikologa o ja pholo ya tona’ ka jalo go botlhokwa gore dilo di seka tsa dirwa go tabogilwe. Bontlhopheng ba bogosi jwa Werda ba eme ba le lesome le boherabobedi (18) ba akaratsa kgosi wa pele wa motse oo Rre Keleofile Phihadu, bo-Mme Hayard MacKenzie le Sbongile Gaseumakwe, le bo-Rre: Bruce Khekhene, Solly Mackenzie, Tihebatse Mogaga, Kedigoletse Tlhatlhanye, Cassious Mekwe, Frans Esterhuizen, Johannes Esterhuizen, John Babui, Julius Mathule, Dimpho Motshabi, France Titus, Stanley Mackenzie, Joseph Louw, Katlholo Sejammu, France Kesenkilwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : WERDA

Event : Phuthego

Date : 01 Feb 2022