Majwanaadipitse o humile ditsa tlholego
01 Feb 2022
Majwanaadipitse, motsana o o mo bokone botlhaba jwa motse wa Serowe kwa kgaolong ya Legare.
Majwana jaaka banni ba lefelo leo ba le boka, o tlaa go lemotsha gore ruri lebopo le tshwere gotlhe, ka bontle jwa dithaba, ditlhare, dimela le melapo tse e kareng di ne di rulaganngwa ke setswerere.
Fa o tsena ka Majwanaapitse o goroswa ke dithota le dithaba tse di dikologileng motsana oo. O kgabile ka ditlhare ka mefuta ya tsone le lenko la dithunya.
Mongwe o ka botsa gore gone mme leina le la Majwanaadipitse, le tswa kae?
Banni Mme mo patlisisong e ga seka ga tlhatswega sentle gore leina le tsetswe ke eng ka dipuo tsa banni di farologana.
Botlhogoputswa ba tlhalositse fa lefelo le ne le na le dipitse tsa naga tse dintsi teng, fa bangwe ba re morui mongwe o ne ruile dipitse tse dintsi.
Bangwe ba bolela fa go ne go na le majwana teng a a neng a ratwa ke go phurwa ke dipitse fa bangwe ba re ene le mosadimogolo mongwe a bidiwa Majwanaadipitse.
Kgosana ya kgotla ya Sekao, Rre Ntetse Raburu o boletse fa rre rraagwe e ne ele mongwe wa batho ba ba thibeletseng teng pele mme go ne go na le morui mongwe a na le dipitse tse dintsi thata ka jalo moraka oo wa bidiwa Majwanaadipitse.
A re batho ba Majwanaadipitse ke batho ba letso la Sesarwa, a tlhalosa fa go na le dithaba tse di dintle, nngwe ya tsone e bidiwa Charatau ee kwa Bophirima jwa motse le noka e e sa kgaleng motlhofo e e bidiwang Maragale.
O tlhalositse gore matlapana mangwe a go bonwang ditlhako tsa diphologolo, maroo a dintsa, ditlhako tsa dipitse le dinao tsa batho.
Go bonala e ne e le ka nako ya fa mantswe a ne a santse a le metsi.
Monnamogolo Kopanngwe Zebela, o boletse fa a thibeletse kwa Majwana, a tswa kwa motseng wa Serule ka ngwaga wa 1977 e le moraka fela.
A re o ne a tsile go kopela leruo la gagwe metsi le phulo mme a feta a nna moagedi.
O boletse fa e le mongwe wa banni ba ba sa bolong go nna mo Majwanaadipitse, a re o setse o tlhabologile.
A re bana ba bone ba ne ba tsena sekole ka fa tlase ga ditlhare, selo se jaanong se fetogileng ka go na le sekole. Rre Taunyane Kelailwe ebile e le ngaka ya setso o boletse fa rraagwe ebong rre Sikwane Kelailwe e ne ele motho wa ntlha go nna kwa morakeng wa Majwanaadipitse ba tswa kwa nokeng ya Boteti ele morafe wa Mambukusu. Rre Kelailwe yo o dingwaga di lekgolo a re ba fitlhetswe ke morafe o o bidiwang Mphane ba ba neng ba thibelela foo le bone.
O boletse fa ba ile koo ba latetse mmu wa temo o o nonneng, diphologolo tsa naga tse ba neng ba itshetsa ka tsone. Fa ba goroga go ne go na le ditau le diphiri tse di neng di tshwenya leruo bobe, a re e ne e le mmantswitswidi wa go hula tlhobolo, a re fa tau e bolaile dikgomo o ne a bitswa go tla go lalola.
Motse wa Majwanadipitse jaanong o tlhabologile o na sekole se se botana, ofisi ya kgotla e ntsha, kokelwana le mapodise, sebe sa phiri ke gore ga e sale kgosana ya bone e tlogela tiro ka bogodi ga gona yo o mo setilong gompieno.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo rre Lefoko Keogoditse o boletse fa ba tlhaelelwa ke ditlhabololo thata. A re ba tlhaelelwa ke matlwana a borutelo, a re ba tlhoka motlakase mo motseng wa bone. O boletse fa tiro mo motseng ele ya Ipelegeng fela a bolela gore go hirilwe batho ba le 152 mme a bolela fa go santse go tlhaela.
A re letlhoko la ditiro le kwa godimo thata, a re banana ba mo motseng ga ba dire sepe ebile bontsi bo inaakantse le tiro ya Ipelegeng. O boletse fa dikomiti tsa motse di santse di thenya thenya, mme ebile di tshwaraganye a bolela fa go na le komiti ya Home Based Care le ya Farmers.
Majwanaadipitse ke legae, masimo gape ke moraka, o kopantse gotlhe. Motse wa Majwanadipitse ke motse o monnye ka o na le batho ba ka tshwara makgolo a ferabobedi. Bokhutlo BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : Majwanaadipitse
Event : Polelo
Date : 01 Feb 2022