Breaking News

Batlokwa ba rotloediwa go tsaya karolo mo patlo maikutlong

31 Jan 2022

Morafe wa Batlokwa o kopilwe go tsibogela go tsaya karolo mo patlo maikutlong ya go sekaseka molao motheo wa lefatshe leno.

Kopo e, e dirilwe ke mothusa Kgosi Kgolo ya Batlokwa, Kgosi Michael Gaborone ka Matlhatso fa Mopalamente wa kgaolo Rre Thulagano Segokgo a ne a rerisana le banni ba kgotlana ya Monneng ka tse di amang kgaolo.

 

Kgosi Gaborone o rotloeditse  Batlokwa go tla ka makatanamane ka Labotlhano fa lekoko le le tlhomilweng ke Tautona le tlaa bo le le mo motseng wa Tlokweng go tla go tsaya maikutlo a bone.

 

O gateletse botlhokwa jwa gore morafe o nne teng gore ba tseye karolo mo goreng ba batla lefatshe la bone le tsamaisiwa jang.

Kgosi Gaborone are o tshwenngwa ke ka fa boeteledipele bo buisanang ka teng mo maranyaneng, a rotloetsa boeteledipele go tswa gotlhelele mo makgamung. O kaile fa lefatshe le ka seke le ye gope ka go buswa ka makgamu. O ikuetse gape mo makhanselareng gore ba tlogele go arabisana le batho mo maranyaneng.

 

Fa a tswa la gagwe Mopalamente Rre Segokgo are puso e lebogetse setshaba ka fa ba neng ba tsibogela mokento wa COVID-19 ka teng.

Mopalamente o supile matshwenyego a gore ere ntswa setshaba se ne sa tsibogela lemao jaanong batho ga ba sa tlhole ba ipababalela mo segajajeng ka jaana ba tsaya gore ba sireletsegile. Are bolwetsi ja COVID-19 bo santse bo le teng mme ebile bo le borai.

 

Are kgang ya go seka seka molao motheo wa lefatshe ke nngwe ya tse phathi e e busang e ne e di solofeditse go di dira fa ba tsaya puso.

Are tiro ya lekoko le le thomilweng ke go ya kwa Batswaneng go ya go tsaya maikutlo a bone ka molao motheo.

 

Are dingwe tsa dintlha tse di tlaa lebelelwang ke boleng jwa molao motheo go remeletswe mo matshegong le dikeletso tsa chaba eno tse ba bonang di ka aga lefatshe.

Dintlha dingwe gape tse di tlaa sekwa sekwang ke ditshwanelo tsa setho, tekatekano ya chaba eno le gore a molao motheo o go na le bangwe ba o ba bayang ka fa mosing.

O kopile morafe gore fa ba dira ditshekatsheko tse ba lebelele gore molao motheo o o ama jang popagano ya chaba eno le gore chaba eno e ka agiwa jang.

 

O kopile gore dikgang tse di buiwe ka maikutlo a a edileng ka jaana tse di buiwang ka molao motheo o, o ka aga kana wa thubaganya popagano ya chaba eno.

Mopalamente o gakolotse gore chaba eno e gakologelwe kwa e tswang teng ka jaana molao motheo wa lefatshe leno o dirile gore go seka ga nna le dintwa le diphaphang mo nakong e e fetileng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Tlokweng

Event : Phuthego

Date : 31 Jan 2022