Breaking News

Bahurutshe ba tsosolosa ngwao ya Molomo

31 Jan 2022

Kgosi ya Manyana Kgosi Kebinatshwene Mosielele o kopile morafe wa Bahurutshe go bopagana ka mowa wa boipelego go dira ditlhabololo mo kgaolong ya bone.

A re ba tshwanetse go emela temo ka dinao ba ijesa eseng go leba fela mo pusong.

 

O buile se kwa moletlong wa go ipelela Molomo o o neng o tshwaretswe kwa Manyana ka Matlhatso, a re Bahurutshe jaaka mengwe ya merafe e metona ba tshwanetse go nna sekao ka go tsosolosa ngwao e tshwana le ya Molomo. 

 

A re moletlo wa Molomo o botlhokwa ka jaana o tlhalosa le go tlhatlologana ga bana mo malwapeng gore ba tlotlane.

A re ngwao e gape e tshwanetse ya kopanngwa le go rapelela pula gore batho ba lekanwe ke letlhafula.

O ne a leboga komiti ya morafe oo ya ngwao le ditsatlholego go bo e tsere boikarabelo jwa go tsosolosa ngwao ya mofuta oo, le ntswa mabaka a bolwetse jwa COVID-19 e ba paledisa go dira ditiro tsa morafe ka tshosologo.

 

A re ka tiro ya kgosi e le go netefatsa gore morafe o a ja ebile o na le ditlhabololo, ke boikarabelo jwa gagwe go tshwaraganya morafe gammogo le go o tshwaraganya le puso.

Kgosi o ne a re kagiso fa gare ga morafe le baeteledipele ba puso e thusa go tlisa ditlhabololo mo motseng.

 Ka jalo, Kgosi Mosielele o ne a kopa morafe wa gagwe go thusa puso go tlhama ditiro.

 

A re kgaolo ya bone e humile ditso tse di ka dirisiwang go direla morafe madi le ditlhabololo.

O ne a re ba na le seloko se se ka hetlhang motlakase wa letsatsi, o ba ka felelang ba o rekisetsa puso go dira letseno. A re gape ba ka dirisa metsi a a mo kgaolong ya bone go rua ditlhapi mme ba rekisetsa Batswana ba bangwe.

 

“Metsi a a kwa Kolobeng gape a ka dirisiwa go lema merogo le ditlhare tsa maungo. Ka jalo go tlhoka gore re nne le polase ya rona e dilo tse di ka dirwang mo go yone go hirwa bana ba ba mo kgaolong.” O tsweletse gape a tlhalosa fa ba na le matlotlo a tlholego a eleng gore fa a tlhabolotswe a ka ngoka bajanala.

Erile a amogela morafe kwa moletlong oo, modulasetilo wa komiti ya ngwao le ditsatlholego Rre Kaelo Nkau a tlhalosa fa moletlo wa Molomo ele bontlha bongwe jwa ngwao mme o ne o dirwa kgwedi ya Firikgong e simologa.

 

 Le fa go ntse jalo, o supile fa ba tsere boikarabelo jwa go tsosolosa ngwao eo le ntswa ba ne ba sa ipaakanya, ka jalo ba dira moletlo kgwedi e ya fifing.

A re maikaelelo ke gore moletlo oo, o dirwe ngwaga le ngwaga, mme ebile wa monongwaga e nne pulamadibogo ya ditiro tse dingwe tsa ngwao mo kgaolong.

A re gape ba eletsa gore mo dingwageng tse di tlang ba o fudusetse kwa lefelong la ditso la Dimawe.

 

O ne a kopa morafe wa Bahurutshe go emela ditiro tsa bone ka dinao e seng go nna maikarabelo a komiti le kgosi fela.

Mongwe wa bagolo ba morafe Rre Simon Motshibidu o ne a tlhalosa gore bogologolo thulaganyo ya Molomo ene e dirisiwa gape go thatafatsa batho, ka jalo ba ba neng ba loma ba ne ba gola ba le mashetla ba sa robege motlhofo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Manyana

Event : moletlong wa go ipelela Molomo

Date : 31 Jan 2022