COVID-19 e amile dikgwebo tsa Nyeletso Lehuma
31 Jan 2022
Ba ofisi ya Nyeletso Lehuma ba itlamile go dira gotlhe go thusa dikgwebo tse di amilweng ke manokonoko a COVID-19.
Se se builwe ke molomaganya ditirelo wa lenaneo la Nyeletso Lehuma, Rre Montshiwa Montshiwa mo thuto-seka-dipuisano e e neng e tshwerwe mo Gaborone bosheng.
Maikaelelo a thuto-seka-dipuisano e ne e le go bona ka fa COVID-19 e babaletseng dikgwebo le gone go rotloetsa ba-na-le seabe ka go farologana go tsaya karolo go thusa le go rotloetsa beng ba dikgwebo tseo go itshetlela gape.
Rre Montshiwa o boletse fa seemo sa COVID-19 se amile thata dingwe dikgwebo tsa Nyeletso Lehuma lefatshe ka bophara.
A re dikgwebo di akaretsa tsa bodiragatsi le kapei di amegile ka dipalo tse di kwa godimo ka jaana beng ba tsone ba bona letseno fela ka go direla batho ba le bantsi.
Rre Montshiwa a re go ne go se motlhofo go ka tsweledisa ditirelo tsa bone ka jaana ba ne ba tlamega go sala morago mengwe melawana ya thibelo kanamo ya mogare wa bolwetse jwa COVID-19 morago le ya itshereletso ya kgatlhanong le jone.
O boletse fa e ne ya re pele ga COVID-19 e tlhagoga, baikopedi ka bontsi ba ba neng ba sale ba letile go thusiwa ba feta 17 000 ba ne ba bona dithuso mme ga sala ba le 5 809.
A re ba ba saletseng kwa morago ba tsere sebaka go bona thuso ka jaana ba diofisi tse di maleba ba ne ba retelelwa ke go dira ditshekatsheko le go fa baikopedi dithuto tse di maleba ka mabaka a kiletso mesepele le gone go kokoana.
O tlhalositse gore fa go dirwa ditshekatsheko baikopedi ba a latelwa mo mafelong a a farologaneng.
Le fa go ntse jalo, Rre Montshiwa o tlhalositse fa maphata a a maleba a tlaa tswelela a dira ka gotlhe go tsweledisa serodumo sa Nyeletso Lehuma le gone go gorosa ditirelo tsa lenaneo leo kwa bathong.
Go sale foo, Rre Montshiwa a re go tlaa dirwa maiteko a go tlhabolola mangwe mananeo ao gore a itepatepanye le dikgwetlho tse di tsweletseng ka go tlhagoga.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Maanyepedza
Location : Gaborone
Event : Thuto-seka-dipuisano
Date : 31 Jan 2022