Khansele ya Selebi Phikwe e kolotwa didikadike
31 Jan 2022
Banni ba Selebi Phikwe ba rotloeditswe go duela dikoloto tsa khansele, ka madi a teng e le one a a thusang mo ditlhabololong tsa toropo.
Se se builwe ke ratoropo wa Selebi Phikwe Rre Lucas Modimana jaaka a ne simolodisa letsatsi la “Collect A 23”, le maikaelelo a lone e leng go rotloetsa banni go duela madi a ditirelo.
Rre Modimana o tlhalositse fa khansele ya Selebi Phikwe e le mo leshekereng la letlhoko la madi mme se se bakwa ke gore batho ga ba sa duele sentle, a tlhalosa fa madi a a tlhokafalang gore a duelwe ele dipula tse di masome a mabedi le boraro kgwedi le kgwedi.
A re kgwetlho ke gore batho ba tsaya dingwaga ba sa duele go fitlhela madi a nna mantsi mo ba palelwang ke go a duela.
A re se, se ketefalela khansele ka e sena madi a go isa ditlamelo di tshwana motlakase le ditsela kwa setshabeng, ka jalo a ba kgothatsa go nna le seabe mo tlhabololong ya toropo ya bone.
Rre Modimana o supile fa batho ba le 2200 kwa kgaolong ya Selebi Phikwe botlhaba ba na le ditsha mme mo go bone ba le 947 ba kolota madi a a fetang P1.7m.
O tlhalosiste fa se, se ba pateleditse gore ba kope thuso ko dikomponeng tse di itebagantseng le go phutha dikoloto go ba thusa go phutha madi morago ga dipuisano tse di tseneletseng le ba ba kolotang mme go sena nko e tswang lemina.
Rre Modimana o supile fa Batswana ba latlhegetswe ke mowa o montle wa boipelego o ba neng ba itsiwe ka one, a tlatsa ka gore mo dingwageng tse di fetileng Batswana ba ne ba kgona ditiro ka go thusana le go bereka mmogo a supa fa sekolo sa mmadikolo se agilwe ka mowa wa boipelego.
A re se se gakagamatsang ke gore ka nako eo lefatshe la Botswana le ne le sena meamuso e le nang nayo gompieno,mme a ba rotloetsa go tshwaragana le khansele ka go duela bonyennyane jo ba bo lopiwang gore matshelo a bone a tle a tokafale.
E rile a tswa la gagwe mokhanselara wa kgaolo ya Botshabelo botlhaba Rre Ramatopi Kgakgamatso a tlhalosa fa bogodu kwa Botshabelo bo godile ka ntata ya lefifi mo mekgwatheng mme a rotloetsa banni go duela melatsa ya bone gore ba kgone go tokafaletswa matshelo.
Rre Kgakgamatso o tlhalositse fa go tlhabologa ga toropo go ka ngoka babeeletsi mme se se dire gore batho ba bone ditiro tse di ka fetolang matshelo a bone.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : Selibe Phikwe
Event : Tsimollo ya letsatsi la “Collect A 23
Date : 31 Jan 2022