Breaking News

Maduo a lekwalo la bosupa ga a nametse

31 Jan 2022

Mopalamente wa Sefhare-Ramokgonami, Dr Kesitegile Gobotswang a re maduo a lekwalo la bosupa mo kgaolong ya gagwe ga a nametse.

Dr Gobotswang o buile se mo diphuthegong tsa kgotla kwa  Pilikwe, Mhalapitsa le Maape ka bosheng. 

A re fa sekole se dirile sentle ke fa se fitlheletse seelo se se beilweng sa masome a robang bobedi mo lekgolong .

  O ne a tlhalosa fa mo dikoleng tse lesome le borataro tsa kgaolo ya gagwe, di le nne mo go tsone di kgonne go fitlhelela seelo se se beilweng. Mopalamente o buile a sa kgwe mathe ka sekole se se botlana sa Ngwapa se a rileng ba ipelafatsa ka sone ka bana ba teng ba pasitse botlhe.

  Le fa go ntse jalo, o rile se e ne e se ditso, ka e rile ngwaga wa 2019 sekole sa Maape le sone se ne sa tlotlomatsa kgaolo ka go dira jalo. Dr Gobotswang a re sekole sa Mhalapitsa e sale ngwaga wa 2020 se ntse se supa kwelotlase ya maduo, selo se a rileng se a tshwenya ka maduo a teng a le kgakala le seelo se se beilweng.

 O tsweletse ka gore ngwaga wa 2021 sekole se dirile masome a matlhano le bo bebedi mo lekgolong mme a kgothatsa batsadi le barutabana go kopana gore ba baakanye seemo se. A re thuto ke bokamoso jwa bana le lefatshe ka jalo batsadi ba tshwanetse go tlhaloganya gore fa go buiwa ka “knowledge based economy” ba itse gore bana ba kgona go fitlhelela dilo di tshwana go dira dikoloi tsa motlakase.

 E rile fa ba kgwa mopalamente dikgaba, banni ba tlhalositse fa mangwe a matshwenyego a ba nang le one a ba dumelang e le sengwe se se dirang gore maduo a wele tlase e le tlhaelo ya barutabana.

 Mongwe wa banni ba motse, Rre Gagoresepe Mokgonami o boletse fa ngwaga o fetileng tlhaelo ya barutabana e ne e ama le baithuti ba lekwalo la bosupa. Mogokgo wa sekole se se botlana sa Mhalapitsa, Mme Rebecca Gabasiane o boletse fa ele boammaruri, ngwaga o fetileng sekole se ne se tlhaela ka barutabana.

Mme Gabasiane o tlhalositse fa ngwaga ono ba sena tlhaelo ya barutabana e bile ba solofela fa batla dira botoka. Banni ba tsweletse ba lebisa mopalamente matshwenyego a ba nang le one a akaretsa letlhoko la mooki,ditsela tse di sa itekannang le tiego ya go abelwa ditsha.

Mongwe wa banni, Rre Kebalebile Kedidimetse o tlhalositse fa go simolola ngwaga oo fetileng kokelwana ya bone e na le mooki a le mongwe fela, morago ga gore yo mongwe a isiwe sekoleng. Rre Kedidimetse a re mooki yo o leng teng gompieno o gama a ikokotela.

E rile a leboga, mokhanselara wa kgaolo ya Pilikwe,Mhalapitsa, Maape Rre Kebadirile Ngongorego a tlhalosa fa Mooki a le teng mme a sena boroko kwa Mhalapitsa. 

 A re selelo sa tlhaelo ya dikoloi mo maphateng a puso se kgoreletsa tiro.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Simane

Location : Mhalapitsa

Event : Phuthego

Date : 31 Jan 2022