Tlhaelo ya madi e dia go phatlaladiwa ga metsi
27 Jan 2022
Koporase ya metsi la Water Utilities Corporation (WUC) la re tlhaelo ya madi e baka tiego ya go diragatsa mananeo a yone a go atolosa ditirelo tsa go isa metsi kwa Batswaneng.
E rile a bua kwa bokopanong jwa baeteledipele ba kgaolo-potlana ya Letlhakeng ka Labobedi, mookamedi wa koporase eo go tswa Molepolole, Rre Edwin Ndlovua a supa fa e le boikarabelo jwa Motswana mongwe le mongwe go rurifatsa gore o duela sekoloto sa metsi.
A re koporase eo e tsweletse ka go nosa Batswana mme ke tshwanelo ya bone gore morago ga go nwa metsi ba a duele jaaka ba fiwa seelo sa dituelo kgwedi le kgwedi.
Rre Ndlovu a re dituelo di ne tsa nna boutsana ka lebaka la COVID-19 mme seo sa ba ruta dilo di le dintsi, bogolo jang ka go le turu go isa metsi kwa setshabeng.
O ne a supa fa go na le batho ba e leng gore gotlhelele le fa ba fiwa dikoloto tsa bone tsa metsi ba ithela moriti o tsididi mme seo se pateletse lephata go ba tswalela metsi.
A re ga se maikaelelo a bone go dira jalo mme o kopa botlhe ba ba dirisang metsi go a duela ka nako go hema diemo tsa go tswalelwa metsi.
Le fa go ntse jalo, a re lephata la metsi le tlaa tswelela le dira ka gotlhe go netefatsa gore Batswana ba bona metsi lefatshe ka bophara mme e bile ba tsweletse ka go tokafatsa moalo wa metsi le go oketsa phatlalatso ya one.
Fa a ntsha la gagwe, monamisa mafoko wa Water Utilities Corporation, Mme Beauty Mokoba a re mo nakong ya gompieno seemo sa metsi se tokafetse, bogolo jang ka dipula di ntse di na di okesa metsi mo matamong.
A re metsi a a teng a ka nosa Batswana selekanyo sa ngwaga ntle le dipula dipe mme seo ga se reye gore Batswana ba seka ba dirisa metsi ka kelelelo.
O ne a supa fa Water Utilities Corporation e na le didiba di feta makgolo a fera bobedi.
Mme Mokoba a re sebe sa phiri ke gore bontsi jwa didiba tseo di dikgologolo e bile dingwe tsa tsone ga di sa tlhola di ntsha metsi a a lekaneng.
A re le fa go ntse jalo, ba na le dikgwetlho tsa go isa metsi sentle kwa setshabeng, mabaka mangwe e le dipula tse di sa ikanyegeng, phetogo ya loapi, leuba le metsi a a senyegang ka lebaka la go thubega ga diphaephe kwa tlase ga lefatshe le ba ba nosa leruo metsi a a nowang ke setshaba.
O ne gape a supa fa lephata la metsi le tsweletse ka go ipaakanyetsa dinako tsa leuba jaaka ba setse ba kgonne go gokela diphaephe tsa metsi kwa matamong a Letsibogo le Dikgathong e le tsela ya go tokafatsa phatlalatso ya metsi mo kgaolong ya Gaborone le metse e e mabapi.
Mogolwane wa dituelo tsa metsi mo lephateng leo, Mme Mogi Selei a re dikoloto tsa metsi mo kgaolong ya Molepolole go ema ka kgwedi ya sedimonthole ngwaga o o fetileng di tshwara P48.9 million.
A re mo mading ao, dikgwebo di kolota madi a a fetang P2.4 million, fa dikhansele di kolota P1.8 million.
Mme Selei a re setshaba sone dikoloto tsa sone ke P33.1 million fa maphata a puso one a kolota P11.4 million.
O ne a rotloetsa Batswana le botlhe ba ba dirisang metsi go duela dikoloto tsa kgwedi le kgwedi gore madi a sekoloto a seka a ya kwa godimo mme a ba ketefalele go duela.
Mo dikakgelong, Kgosi Batho Tshoso wa Motokwe o ne a supa fa metsi a bone a kgotlelesegile mme ba kopa Water Utilities Corporation go tsibogela go ba thusa ka sediba sa bone se le fa gare ga motse.
Kgosi ya Khudumelapye, Mme Tuelo Ramokobetwane a re ba tlhaelelwa ke metsi ka ba dirisa sediba se le sengwefela mme e bile metsi a sone a le letswai, ka jalo a kopa lephata la metsi go tsibogela go ba thusa.
Mokhanselara wa Maboane/Ditshegwane, Rre Tsabahule Kgotlhang a re banni ba Ditshegwane ba itumeletse katoloso ya metsi kwa motseng wa bone.
Morafe wa Maboane o ne wa lebogela tanka e ntsha ya metsi le sediba mme ba kopa gore metsi a isiwe kwa ditsheng tse disha.
E rile go le pele Kgosi Tumelo Puleng wa Letlhakeng a amogela baeng, a supa fa bokopano joo bo le botlhokwa ka metsi e le botshelo e bile a le botlhokwa thata mo setshabeng.
A re e re ntswa go na le tlhaelo ya metsi mo metseng mengwe, lephata la metsi le dira gotlhe go rurifatsa gore ba isa metsi kwa Batswaneng mme ke boikarabelo jwa botlhe go dirisa metsi ka kelelelo le gone go a boloka.
Kgosi Puleng a re o tshwenngwa ke batho ba ba nosang leruo metsi a setshaba mme a kopa batsadi go ruta bana tiriso ya metsi.
Modulasetilo wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng, Rre Meshack Tshenyego a re o leboga thata gore Water Utilities Corporation e bo e ne ya dira bokopano jwa mofuta o, ka gore bo neela setshaba sebaka sa go ntsha matshwenyego a sone.
A re go botlhokwa gore Batswana ba itse seemo sa metsi mo dikgaolong tsa bone le gore lephata la metsi le dira eng go ba thusa.
Rre Tshenyego a re neelano ya megopolo le kamogano ya maele a go tokafatsa ditirelo tsa metsi di botlhokwa mo go berekeng mmogo ga Batswana le WUC. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Letlhakeng
Event : Bokopano
Date : 27 Jan 2022