Breaking News

Baithuti ba Tshwaragano ba kgalemelelwa boitshwaro

27 Jan 2022

Baithuti ba sekole se segolwane sa Tshwaragano kwa Maun ba kgothaditswe go iphapha mo tirisong ya ditagi.

E rile fa a buisa baithuti ka bodiphatsa jwa ditagi le borukutlhi ka Laboraro, mokgothatsi Rre Metlha Maphanyane a tlhalosa fa botlhokatsebe bo sa busetse.

Rre Maphanyane yo o kileng a tsena mo kgolegelong makgetho a le mantsi ka ntlha ya go utswa, a re o ka bo a tsamaya kgakala mo botshelong fa e ne e se ka maitshwaro a gagwe a a makgaphila a santse a tsena sekole.

Rre Maphanyane, yo mo nakong ya gompieno e leng mokgothatsi, o tlhalositse fa e rile ka dingwaga tsa gagwe tsa bonana, a inaakanya le go goga motsoko phetelela mo go neng ga dira gore a utswe ka a ne a le mmotlana a sa bereke.

Moithuti yoo wa pele wa sekole sa Tshwaragano, o supile fa a kile a tlogela sekole, a fuduga kwa Maun a ya Gaborone kwa a neng a inaakanya le dirukutlhi tse di neng tsa mo gogela mo thaelong. 

A re go utswa go ne ga mo tsenya ka kgolegelo mme seo sa utlwisa ba lelwapa la gagwe botlhoko.

Rre Maphanyane a re o ne a ikana gore fa a tswa mo kgolegelong, o tlaa fetola botshelo jwa gagwe mme ga diragala fela jalo ka a ne a tsweledisa sekole morago ga go gololwa a bo a dira dithuto tsa Baebele (Diploma in Theology).

O tlhalositse fa a ne a lemoga botlhokwa jwa go tsibosa batho, segolo bogolo banana ka bodiphatsa jwa ditagi mma a inaakanya le go ruta bana ba sekole. 

A re go botlhokwa gore banana ba ikgaphe mo go sepe se se ka ba gogelang mo thaelong, a tlatsa ka go re bana ba malatsi a ba ntshiwa mo tseleng ke bangwe ka bone.

O kopile bana ba sekole gore ba ithute ba reetse batsadi le barutabana gore ba nne le bokamoso jo bo eletsegang.

A re ba santse ba na le nako e ntsi go ka fetola boitshwaro jwa bone gore ba seka ba tsamaya tsela e a e tsamaileng.

E rile a tswa la gagwe, Sub Inspector Andries Dibuile wa Maun CID a supa fa tiriso ya ditagi mo baneng ba sekole e tshwenya thata kwa Maun. 

A re motokwane le cat di tumile thata mo baneng ba sekole mme se se ngomolang pelo ke gore bana ba sekole ba fiwa ditagi ke batsadi.

O kaile fa go lemosegile fa batsadi bangwe ba neela bana ditagi gore ba di rekisetse baithuti ka bone. 

Rre Dibuile o tlhalositse fa boitshwaro jwa baithuti e le jo bo tlhabisang ditlhong fa ba le ka fa tlase ga kgatelelo ya ditagi ka ba betsa baithuti ba bangwe le go tsenya barutabana tsebetsebe.

O kopile baithuti gore ba rate dibuka mme ba tswe mo botlhoka tsebeng.

Mothusa mogokgo, Rre Kehilwe Oageng a re ba tshwere baithuti ba le lesome le bobedi monongwaga mabapi le tiriso ya ditagi.

A re maduo a Tshwaragano a wetse kwa tlase thata ntateng ya botlhoka tsebe jwa baithuti. 

Rre Oageng o supile fa a na le tsholofelo e ntsi gore bana ba sekole ba tlaa fetoga morago ga kgothatso ka ba utlwile fa botlhoka tsebe bo sa busetse. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : Maun

Event : Puisanyo

Date : 27 Jan 2022