Breaking News

Morulelo wa mathekele o sale teng

27 Jan 2022

Sengwe sa dilo tse di farologanyang Majwanaadipitse le metse e mengwe ke morulelo wa matlo a Setswana wa go tafola. 

Banni ba motse oo ba o bitsa mathekele mme ba dirisa bojang jwa motshikiri.

Bontsi jwa malwapa kwa Majwanaadipitse, a na le ntlo ya Setswana e e ruletsweng ka morulelo wa mathekele mme le fa go na le ntlo ya moago wa segompieno, ya mathekele le yone e nna teng.

Go ya ka banni ba Majwanaadipitse, bontsi bo itse morulelo oo ka gore fa ngwana a fatlhoga o rutwa gore e re mo botshelong a kgone go itirela bonno.

Banni ba re pele ga motho a rulela ka bojang, o bo rapalatsa fa fatshe a adile dithupa tsa motsotsojane gore di bo tshware bo seka jwa relela a bo a bo tshwaraganya, a bo bofa ka lelodi la motsotsojane kana mogala. 

Morago ga moo, bojang bo bewa mo marulelong gore bo tshwarwe ke dipalelo.

Yo o rulelang, o simolola kwa maribeleng a bo a ala go fitlha kwa setlhoeng a dikologa le marulelo. 

Morulelo oo o tlaa bo o itshupa ka mela fa o fetsa mme go lebega bontle.

Rre Goitseone Nthekelang (65), Mme Thalaganyo Modidi (58) le ngwana wa bone, Rre Dineo Modidi (28) ke bangwe ba ba nang le matlo a morulelo wa mathekele e bile ba o itse tota.

Go ya ka Mme Modidi, morulelo o, o tswa bogologolong ka ba o fitlhela. 

O tlhalositse fa banni ba o itse e bile go sena yo o atleng a tlhoke thuso ya yo mongwe go mo rulelela.

A re o sa le a rutwa morulelo o ke mmaagwe mme a fetisetsa thuto kwa baneng ba gagwe ka e le ngwao ya bone go dira jalo. 

Mme Modidi a re go rutana mo, go ba thusa gore ba itirela e bile morulelo ga o ke o nyelele. 

A re ga go tseye sebaka go rulela ka mathekele, go laolwa fela ke gore a bojang bo teng.

A re mathekele a botlhokwa ka gore fa bojang bo nna bogologolo kana go tlhoka gore go rulelwe sesha, bo ka pitikolololwa go isa jo bo mo teng kwa ntle, jo bo kwa ntle bo bo bo nna mo teng.

Rre Nthekelang ene o ne o supile fa morulelo o o tlwaelesegileng wa go tafola o ne o tsaya sebaka motho a ntse a rulela ka go tlhophiwa bojang jo go dumelwang bo siame fa mathekele one a sa tlhophe bojang. 

O supile fa morulelo oo, o ka dirisiwa gape mo ditlaaganeng le kwa magotsetsong.

Go ya ka Mme Keromemang Keitumetse (49), morulelo wa mathekele o a ba thusa ka bontsi jwa banni ba le ’kobo dikhutshwane mme ba kgona go ikagela matlo a Setswana ka mmu ba bo ba ya go kgetla bojang go rulela, ba sa dirise madi a a kalo.

A re fa bojang bo nna teng ka Phukwi kana Phatwe, bontsi bo fudugela kwa masimo kana kwa bo bonwang teng go ya go bo kgetla ka ba itse fa ba tlaa bo tlhoka mo isagong.

Se se gakgamatsang ke gore ga ba kgetle bojang go bo rekisa jaaka kwa metseng e mengwe, ba bo dirisa go rulela matlo a bone gore ba nne le bonno.

Mme Keitumetse o supile fa batho ba le bantsi ba ba etelang Majwanaadipitse ba rata morulelo wa bone e bile ba o gakgamalela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Majwanaadipitse

Event : Polelo

Date : 27 Jan 2022