Breaking News

Letamo le tlaa tokafatsa matshelo

26 Jan 2022

 Letamo la Otse kwa kgaolong-potlana ya Mahalapye le solofetswe go solegela banni molemo, bogolo jang ka lefatshe la Botswana le lebanwe ke mathata a tlhaelo ya metsi le pula e e sa ikanyegeng ka lebaka la phetogo ya loapi. 

Dikgwetlho tse, di patika lefatshe go tswa ka methale ya go beeletsa metsi.

Fa a rolela banni letamo leo, le le lopileng P5.5 million, semmuso kwa kgotleng ya Otse bosheng, molomaganya ditirelo tsa temo- thuto wa kgaolong ya Legare, Rre Obert Mabutha o ne a re o itumelela kago ya letamo ka le tlaa thusa go beeletsa metsi, thulaganyo e e mo tsamaisong ya Lephata la Temo Thuo le Dijo, le maikaelelo a lone e leng go fitlhelela maitlamo a go ntsha dijo mono gae.

Rre Mabutha a re e re le fa letamo le diretswe go nosa leruo, le tlaa thusa gape banni go fokotsa manokonoko a phetogo ya loapi le go ntsha dijo mono gae. 

A re puso e na le mananeo a Batswana ba ka a dirisang go tokafatsa matshelo a bone mme a ba rotloetsa go a dirisa.

“Ke batla go gatelela fa Botswana a na le mananeo a a rotloetsang ditlhabololo mo magaeng.

Fa le ka a dirisa, a ka le bulela dikgoro a bo a tokafatsa matshelo a lona le ba metse e e mabapi,” Rre Mabutha a tlhalosa.

A re mananeo a tshwana le la Integrated Support Programme for Arable Agriculture Development (ISPAAD), Livestock Management and Infrastructure Development (LIMID) le Poverty Eradication a ka ba inola mo lehumeng, fa dikgwebo di tshwana le thuo ya ditlhapi, bojanala jwa temo-thuo, go tshwara ditlhapi, go itlosa bodutu le ditiro tse dingwe tsa itloso budutu di ka direlwa mo letamong leo, le le ka tshwarang metsi a selekanyo sa 77 400m3.

Banni ba gakolotswe go tlhokomela letamo le go kaiwang le ka nna lebaka la dingwaga tse di masome a mabedi le go feta fa le tlhokomelwa. 

Ba rotloeditswe go tlhopha komiti e e ka thusang go le laola le go le tsamaisa.

Mogolwane wa lephateng la balemisi, Rre Ntlafatso Kwafela o rotloeditse banni go dirisa letamo go dira madi a ba ka kgonang go le agelela le go le tlhokomela gore le kgone go ba tshetsa ka lobaka.

Kgosi Moithamako Keipone wa Otse a re ba lesego go bo ba filwe mpho e ka jaana e tlaa thusa go tokafatsa matshelo a bone. 

Kgosi Keipone o rotloeditse banni go ikopanya, go tlhama ditlhopha tse ka tsone ba ka berekang mmogo go direla motse wa bone, a gakolola segolo jang banana go tshwaragana le go bereka ka thata go tlhabolola motse.

Mo go tse dingwe, kgosi o supile matshwenyego go bo borre ba sa tsee karolo mo ditlhobololong tsa motse ka jaana ba sa tsenelele diphuthego mme a akgola bomme go bo ba tsile ka dipalo go tla go amogela letamo.

Rre Lekgatlhanye Kanelo wa ofisi ya balemisi kwa kgaolong-potlana ya Mahalapye, o rotloeditse banni go dira ditlhopha tse di ka thusang mo ditlhabolololong tsa motse ka e bile go nna motlhofo go bona dithuso tsa madi go na le go ikemela ka nosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gracious Letsweletse

Location : Otse

Event : Tholo ya letamo

Date : 26 Jan 2022