Molapo wa Tshimoyapula o borai
26 Jan 2022
Matshelo a banni ba Tshimoyapula a mo kotsing ntateng ya molapo o o ralalang motse.
Molapo o e bile jaanong o setse o atologela kwa malwapeng.
Go na ga dipula le gone go keketsa seemo sa molapo ka e le serai mo matshelong a batho le leruo.
Kgosi Lenkagetse Keipheditse wa Tshimoyapula o tlhaloseditse BOPA fa ngwaga o batho ba le babedi ba ne ba tsewa ke metsi ba leka go kgabaganya molapo.
A re leruo le lone ga le a babalesega ntateng ya molapo.
Kgosi Keipheditse a re boatlhamo jwa molapo bo setse bo gola mo go setseng sekgethenyana gore o bo o goroga kwa kokelwaneng ya motse le ofisi ya kgotla.
Kgosi o boletse fa molapo o gola nako le nako fa dipula di sena go gosomana ka gore mmu fa molapo o fetang teng o boruma, o phometsega motlhofo.
A re malwapa mangwe a ranyegile ntateng ya mmu o o sa nonofang.
Kgosi Keipheditse o boletse fa molapo o kgaogantse motse ka bogare e bile fa pula e na jaaka e le nako ya dipula, banni ba ba nnang ntlheng e nngwe ya motse ga ba etele le go tlholana le ba bangwe.
O boletse fa ka nako tseo, molapo o kganela bana ba ba nnang letlhakore le lengwe la motse go ya sekoleng ka o a bo o penologa.
A re malapa a a fa tlase ga molapo a nna a le maphatshaphatsha ntateng ya go ela ga metsi.
Kgosi Keipheditse a re letshogo legolo ke bana ba bannye ba ba ratang go tshamekela mo metsing, a bolela fa batsadi ba nna ka go disa bana.
Fa e le leruo lone, a re le ile ka bontsi mo barui ba setseng ba itlhobogile.
Kgosi o boletse fa baithuti ba Botswana International University of Science and Technology kwa Palapye ba dirile ditshekatsheko ka molapo oo mme ba gakolola gore go dirwe gore metsi a faposediwe kwa ntle ga motse ka tsela nngwe.
O boletse fa ba ofisi ya ga molaodi le khansele ba etetse kwa Tshimoyapula go bona molapo mme go ise go nne sepe se se dirilweng go hema seemo se se maswe se.
A re ba setse ba hutsa pula ka gore fa e gosomana, go sala matlhotlhapelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : TSHIMOYAPULA
Event : Polelo
Date : 26 Jan 2022