Mmelaelwa o thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso
25 Jan 2022
Monna wa dingwaga tse di masome matlhano le bobedi o thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso mabapi le go tshujwa ga ntlo kwa kgotleng ya Gathaga mo Hukuntsi.
Mookamela mapodisi a Tshane, Superintendent Vusimuzi Jorowe o tlhalositse mo potsolotsong fa tiragalo e e diragatse fa beng ba lelwapa ba ne ba robetse kwa ntle bosigo.
Go belaesega fa rre yoo a ne a ngwangwaela mme a utswa dithoto dingwe mo tlung mme morago a e ja ka molelo go timetsa motlhala.
O beng ba ne ba tsosiwa ke monko wa molelo, jalo ba ragoga go leka go ntsha dithoto mme ba retelelwa ka di ne di setse di jelwe ke molelo.
Kwa ntle ga go sha ga dithoto, Supt Jorowe o tlhalosa fa madi a a ka tshwarang P3 200 a ne a jewa ke molelo.
Ramapodisi o tlhalositse fa mmelaelwa a ne a fitlhelwa ka dingwe dithoto mme a amogela fa e le ene modiramolato.
Supt Jorowe a re mmelaelwa o setse a isitswe fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata la Hukuntsi go lebisiwa molato.
Mo nakong eno mapodisi a letile taolo ya kgotla gore a mmelaelwa a letele tsheko a le kwa ntle ga kgogelo kgotsa a name a tshegeditswe mo toronkong ditlhotlhomiso tsa sepodisi di santse di tsweletse.
E re dikgang di eme jalo, Supt Jorowe o boletse fa ba begetswe kgang e mo go yone mogodi wa dingwaga tse di masome a ferang bongwe wa kgotla ya Letsepa mo Hukuntsi a shetsweng ke madi a a ka tshwarang P12 000 fa ntlo e a neng a robetse mo go yone e kapa molelo.
A re go belaesega molelo oo o bakilwe ke lebone la parafene mme ka lesego mogodi yoo a ne a kgona go falola kwa ntle ga dikgobalo dipe.
Supt Jorowe a re dikgang tsa madi a a shelang mo matlung di a tshwenya mo kgaolong le mororo go na le mabolokelo a Botswana Savings Bank mo tikologong.
Ka jalo, o ne a rotloetsa banni gore ba seka ba bolokela madi mo matlung, mme a ba rotloetsa go a isa kwa mabolokelong go a tshabisa dihawa di tshwana le melelo le maepantlo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Hukuntsi
Event : Phuthego
Date : 25 Jan 2022