Tlogelang go bipa mpa ka mabele
25 Jan 2022
Mogolwane wa boremelelo jwa ditlamelo kwa Nata, Rre Jimmy Makgado a re batho ba na le mokgwa wa go bipa mpa ka mabele ka dikgang tsa tiriso botlhatswa ya bana ba basetsana.
Rre Makgado o ne a tsibogela boikuelo jwa monni wa Nata, Rre Bob Zibane kwa phuthegong ya kgotla ya mopalamente wa Nata/Gweta, Rre Polson Majaga.
Rre Zibane a re tiriso botlhatswa ya bana ba basetsana ba ba dingwaga tse di kwa tlase, e ile magoletsa mme badira melato ba sa tseelwe dikgatho.
Rre Makgado a re ba boipelego ba kopana le dikgang tseo ba di begelwa ke bodiredi jwa dikole, mme batsadi ba le teng e bile ditiro tseo tse di setlhogo di diragalela mo matlhong a bone, ba ithetse moriti o tsididi fela.
O tlhalositse gore le fa ba latedisa dikgang tseo ba tshwaragane le mapodisi, sebe sa phiri e nna batsadi ba ba ganang ka bosupi ba sireletsa badira molato.
O ne a kopa banni bao go tshwaragana le go dirisanya sentle le mapodisi go lwantsha seemo seo.
Ditshekatsheko tse di duleng ngogola, di ne di supa fa kgaolo-potlana ya Tutume e di goga kwa pele mo tirisong botlhaswa ya bana ba basetsana.
Monana wa Nata, Rre Obakeng Ntshese ene o supile fa kgokgontsho ya bong e bifela pele kwa motseng oo.
Rre Ntshese a re borre ba kgokgontshiwa ke bomme ka mafoko, mo ba felelang ba ikgapetse botshelo.
O ne a gatelela gore dithuto ka kgokgontsho mo malwapeng di santse di tlhaela, e bile go lebega bomme ba sireleditswe thata go na le borre.
E ntse go le foo, mogolwane wa lephata la diphologolo kwa Nata, Rre Emanuel Jeremia o boletse fa letsomo la diphologolo tsa naga le buletswe, ka jalo a kopa banni go iteka lesego ka go tsenelela khupelekhupele eo.
Rre Jeremia a re fa e sale puso e araba selelo sa batho sa go kopa go bulelwa ga letsomo, tshenyo ya diphologolo tsa naga, bogolo jang ditlou, e fokotsegile.
Ngogola go ne go buletswe go tsoma ditlou di le masome mabedi, mme le monongwaga go ntse.
O kopile batho ba motse oo go kgalemela batho ba ba tshwarang ditlhapi kwa nokeng ya motse, a re ditlhapi ga di ise di bulelwe go ka tshwarwa.
Mogolwane wa Botswana Meat Commission (BMC), Rre Goitsemodimo Dintsi kwa Maun, o boleletse barui ba kgaolo eo fa matlhabelo ao a simolotse go reka dikgomo.
Rre Dintsi o boletse fa matlhabelo ao a tokafaditse seelo sa malatsi a a tsewang go duela barekisi.
O ne a supa fa dituelo di tswa mo malatsing a le lesome le bone, morago ga theko.
Gape a re le sekale sa theko se tsholetsegile jaanong kgomo e rekwa ka P28 per kg.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Nata
Event : Phuthego
Date : 25 Jan 2022