Mokgatlho wa Vitoore o a lela
25 Jan 2022
Mokgatlho wa balemi-barui ba kgaolo-potlana ya Charleshill wa Vitoore o kopile puso go oketsa ditlhwatlhwa tsa theko ya kgomo.
Ba re se se ka imolola barui e bile ba ka emisa go kopa dithuso mo pusong go ba namola lehuma. Fa a bua kwa phutegong e e neng e tsenwe ke balemi-barui ka Matlhatso kwa Charleshill, modulasetilo wa Vitoore, Rre Lowis Kanguaiko o tlhalositse fa bontsi jwa morafe wa kgaolo ya Ghanzi bo ikaegile ka kgomo, ka jalo puso e tshwanetse go bona gore ditlhwatlhwa tsa kgomo di okediwa jang.
A re kgomo mo lefatsheng leno e rekwa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase fa go tshwatshanngwa le mafatshe a a bapileng le leno jaaka Namibia.
Rre Kanguaiko o ne a rotloetsa barui go tlhokomela leruo go le hema mo bogodung jwa leruo jo bo golelang pele mo kgaolong.
A re bontsi jwa barui ga se gantsi ba ya merakeng go ya go tlhola leruo mme ba beile mo maruding a badisa.
A r geo dira jalo ke gone mo go rotloetsang bogodu jwa leruo.
Rre Williama Muroua ene o tlhalositse fa maikaelelo a phuthego eo ene e le go tla go buisana ka ditlhwatlhwa tsa kgomo le bogodu jwa leruo mo kgaolong le tse dingwe tse di amang barui.
O ne a kopa barui go thusana.
O ba kopile go tswelela ka go nna matlho a mapodisi fa go na le sengwe se se sa siamang go lwantsha bogodu jwa leruo le borukutlhi mo kgaolong.
Kgosi Simon Kambura wa Makunda o kopile batsadi gore ba tlogele go duelela bana ba bone fa ba tshwerwe ka dikgomo tsa bogodu.
A re go dira jalo go gakatsa bogodu jwa leruo.
O ne a kopa puso go thusa barui ka ba babalelwa ke ditlhwatlhwa tsa dikgomo le mororo kgomo e na le seabe se setona mo itsholelong ya lefatshe.
Go oketsa ditlhwatlhwa tsa dikgomo a re go ka imolola puso morwalo ka gore barui ba ka kgona go ikemela.
Kgosi Kambura o ne a kopa banana go tsena mo mokgatlhong wa barui gore ba kgone go tsaya malebela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : Ghanzi
Event : Phuthego
Date : 25 Jan 2022